Bogodu jwa leruo bo apesitse Gakgatla kobo ka letshoba
06 May 2018
Kgosi Lenyetse Moshapa wa Gakgatla o tlhalositse fa ba sa robadiwe ke bogodu jwa leruo jo bo golelang pele mo motseng wa bone.
Mo potsolotsong le BOPA, Kgosi Moshapa o tlhalositse fa mo nakong eno magodu a ba jela leruo motshegare, segolo bogolo dikgomo, a kaya fa ba di tsaya fela morago ga gore di bolodiwe go ya mafulong.
O supile fa bontsi jwa dikgomo tse di utsuwang, di tlhabelwa fela mo nageng mme morago di rekisetswe beng ba dibuchara mo mafelong a mabapi le motse wa Gakgatla.
O ne a supa fa e rile mo dikgweding tse pedi tse di fetileng ga tshwarwa monna mongwe wa selaga kwa Gaborone mo kgaolong ya Broadhurst.
Kgosi Moshapa a re dihutshane tse di tshwanang le dipodi le tsone di utswiwa ka bontsi.
O supile fa go utswiwa thata dipodi tse di namagadi mme a re seo se ka tswa se rotloediwa ke go bo go na le mananeo a puso jaaka la nyeletso lehuma, selo se a tlholositseng fa bangwe ba itirile gore ba ka rekisetsa puso dipodi ntswa ba sena le tsone.
A re jaaka puso e reka dipodi mo bathong go thusa ba ba tsereng mananeo, go botlhokwa gore e nne e sekaseka pele go netefatsa fa motho yo ba rekang mo go ene dipodi e le tsa gagwe.
Kgosi Moshapa o ne a tlhalosa gore ntswa magodu ao a di tsaya motshegare, go thata go lemoga gore motho o a bo e le legodu ka jaana dipodi di sena ditshipi, selo se a kaileng fa se ba direla tiro thata go ka ba tshwara.
“Magodu ao a pega dipodi a bo a ya go di kwadisa kwa metseng e mengwe ka jaana di kgona go kwadisiwa gongwe le gongwe,” Kgosi Moshapa a tlhalosa.
A re go ka nna botoka fela fa dihutshane di ka kwadisiwa kwa metseng e beng ba tsone ba nnang kwa go yone, a supa fa seo se ka thusa mo go laoleng bogodu.
Mo go tse dingwe Kgosi Moshapa o ne a tlhalosa fa ba tshwenngwa ke tiriso e e kwa godimo ya motokwane mo motseng wa gagwe.
A re mo nakong eno tiriso ya setlhatshana seo e itsa banana ba motse go itshetsa, a kaya fa go sena sepe se ba se itirelang ka jaana ba nna mo bojalweng gammogo le go inaakanya le ditiro tsa borukutlhi.
O tlhalositse fa a setse a ikuetse mo go ba sepodisi go tla go mo thusa ka twantsho tiriso ya motokwane mo motseng, a kaya fa motho a le mongwe a setse a arabetse molato wa gagwe.
“Bangwe ba setse ba tshwerwe mme dikgang tsa bone di santse di eme fela jalo.
Ke selo se se tshwenyang fela thata ka gore masupi a tloga a nyelela,” Kgosi Moshapa a tlhalosa. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tshepang Segola
Location : GAKGATLA
Event : potsolotso
Date : 06 May 2018






