Mapodisi a Werda a tlhotlhomisa petelelo
06 May 2018
Mapodisi a Werda mo kgaolong ya Kgalagadi Borwa a tshegeditse monna wa dingwaga tse di masome mararo le borataro go ba thusa mo ditlhotlhomisong mabapi le petelelo ya ngwana wa gagwe wa dingwaga tse di lesome le bone.
Mookamela mapodisi a Werda, Supt Mompoloki Ramatsia o boleletse BOPA mo potsolotsong gore ba begetswe tiragalo eo kgwedi e e fetileng e le masome mabedi le botlhano ke mmaagwe ngwana.
Supt Ramatsia o tlhalositse fa monna yoo a ne a tsamaya le ngwana wa gagwe wa mosetsanyana kwa morakeng wa Tshetlhwane gaufi le Kisa kgwedi e e fetileng e le lesome le boraro ka dikole di ne di tswetswe.
E ne ya re go boela gae kwa Draaihoek malatsi morago ga foo, ngwana a begela mmaagwe yo o neng a le mo botsetsing gore o beteletswe ke rraagwe.
Supt Ramatsia o boletse fa mapodisi ba ne ba ragosetsa ngwana yoo kwa sepateleng sa Tsabong go ya go tlhatlhojwa ke ba bongaka.
O kaile fa mapodisi ba sa ntse ba tshegeditse monna yoo, yo o tlholegang kwa Omaweneno mo kgotleng ya Thabaneng go ba thusa mo ditlhotlhomisong.
Supt Ramatsia a re monna yoo o tlaa isiwa fa pele ga lekgotla la ga mmakaseterata go lebisiwa molato wa go petelelo ya ngwana wa gagwe mo bogaufing.
Fa a ka bonwa molato o tlaa atlholelwa dingwaga tse di lesome kgotsa go feta mo kgolegelong.
Borre ba gakolotswe go laola maikutlo a bone, go ikgapha le go emisa go dira ditiro tse di tlhabisang ditlhong, mme ba tseye boikarabelo jwa go sireletsa bana. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : WERDA
Event : potsolotso
Date : 06 May 2018





