Mogolwane o kgothatsa morafe go somarela tlholego
06 May 2018
Morafe wa Shashe-Mooke o kgothaditswe go somarela di-tsa tlholego gore di seka tsa nyelela.
Kgothatso e, e dirilwe ke mothusa mogolwane mo lephateng la dikgwa le tshomarelo tikologo wa kgaolo ya Bokone Botlhaba, Rre Jailos Nswazwi mo phuthegong ya kgotla bosheng.
Rre Nswazwi o tlhalositse gore puso e tshwenyegile thata mabapi le tsela e batho bangwe ba dirisang di-tsa tlholego tse di fitlhelwang mo dikgaolong tsa bone botlhaswa.
Ke ka moo a neng a kgothatsa banni gore ba itse fa e le maikarabelo a bone go netefatsa gore di-tsa tlholego mo kgaolong ya bone ga di nyelediwe gore kgabagare di tle di ba sologele molemo.
A re batho bangwe ba na le go tsaya gore boikarabelo jwa go boloka di-tsa tlholego ke jwa puso fela.
O boletse fa mokgwa wa go nna jalo o tshwanetse wa fela mme ba itse fa go somarela di-tsa tlholego go le botlhokwa mo matshelong a Batswana.
A re gape go ka thusa gore dikokomane tse di tlang di tle di nne le thuto le kitso ka di-tsa tlholego tse di leng teng mo lefatsheng leno.
Rre Nswazwi gape o ne a supa fa go rengwa ga ditlhare e le nngwe ya dikgang tse di ba tshwarisitseng phage ka mangana lefatshe ka bophara.
A re batho bangwe ba rema ditlhare mo go sa babalesegang go dira dikgong, a tlatsa ka go re mme e bile bangwe ba gweba ka dikgong ba sena diteseletso.
O tlhalositse fa e se tshwanelo gore batho ba reme ditlhare tse di tshelang go dira dikgong.
A re ba tshwanetse go dirisa tse di omileng, e bile ba di dirisa mo go lekanetseng.
Rre Nswazwi o boletse fa ditlhare tsa mophane le motswere e le tsone di tshabelelwang ke go rengwa go dira dikgong mme se se rotloetsa bosekaka, kgothego ya mmu ga mmogo le kgotlelesego ya loapi.
O bile a tlhalosetsa banni gore puso ga e lomeletse ope go dirisa di-tsa tlholego, ka jalo ba tshwanetse ba di dirisa mo go tshwanetseng gore tikologo e seka ya babalelwa.
A re ba ba bonwang molato wa go rema ditlhare mo go sa babalesegang ba ka atlholelwa sekete sa dipula kgotsa kgolegelo ya dikgwedi tse di sa feteng ngwaga. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kebatsaletse Ongadile
Location : SHASHE MOOKE
Event : phuthego ya kgotla
Date : 06 May 2018






