Breaking News

Banana ba Xhosa ba iteelwa legofi

03 May 2018

Banana ba kgotla ya Xhosa e e tumileng ka botlhokatsebe le maitsholo a a duleng mo tseeleng kwa Mahalapye ba iteetswe legofi go bo ba supile mowa wa boipelego go tokafatsa matshelo a bone.

Mogolwane wa lephata la banana kwa Mahalapye, Mme Resego Keikantseng yo o neng a buisa bokopano jwa banana ba mokgatlho wa Heaven Saints Association, jo bo neng o tshwaretswe kwa sekoleng se se botlana sa Xhosa go abela banana ba ba neng ba tseneletse dithuto tsa go tsamaisa kgwebo tsa Local Enterprise Authority (LEA) ditlankana bosheng, a re go a itumedisa go bona banana ba tsaya boikarabelo jwa matshelo le isago ya bone.

A re go bo banana ba ne ba ikokoanya ntle le go emela go laelwa ke bogogi ke selo se se ntle e bile se tlhoka go opelwa legofi ka go sa tlwaelesega mo bananeng ba gompieno ba ba nnang ba lebeletse se lefatshe le ka ba se direlang go na le go botsa se ba ka se direlang lefatshe.

O kaile fa lephata la banana le leka ka gotlhe go tokafatsa matshelo a bone ka go ba fa menyetla, dikitso le bopelokgale jo bo tlhokegang go kgona ditoro tsa bone.

Mme Keikantseng o tlhalositse fa e le boikarabelo jwa bone go tshwaragana le maphata a mangwe go nolofaletsa banana go fitlhelela dilo go tokafatsa matshelo a bone.

O iteetse mokgatlho wa Heavenly Saints legofi a re ke sekao sa popota sa tshwaragano ya ba-na-le seabe.

A re le fa go ka se nne go na le madi nako yotlhe, go tsenya letsogo mo go diragatseng maitlamo a banana ke selo se se ka se keng se tlodisiwe matlho.

O galaleditse batlhami ba mokgatlho a re go a itumedisa gore ba bo ba ne ba bona go tshwanela gore ba tswele kwa ntle ba ye go atlarela menyetla ka go ikopanya le ba ofisi ya LEA go ba kopa go ba rulaganyetsa thutuntsho.

A re ga ba a phutha matsogo le go letela go bona gore puso e ka ba direla eng, mme ba tsere kgato e e molemo ba nna bagaka le go tsaya boikarabelo go kgona maikemisetso a bone.

Mme Keikantseng a re ke boikarabelo jwa lephata la banana go alosa tshaba ya banana e e nang le bokgoni jwa go tsaya karolo mo go tlhabololeng lefatshe e bile ba ipapanne ka dikitso.

A re ba itlamile go alosa monana wa tlhwatlhwa e bile a kgona go ikemela.

A re se se supilwe ke banana ba mokgatho wa Heaven Saints le batsaya karolo mo ithutuntshong e e gogileng beke e eteletswe pele ke LEA.

O kaile fa madi a a thusang banana go simolola dikgwebo a Youth Development Fund, maikaelelo magolo a one e le go rotloetsa banana go tsaya karolo mo go tlhabololeng lefatshe leno, a tlatsa ka go re dithuto tse banana ba sa tswang go di amogela o solofela fa ba tlaa ya go tlhama dikgwebo tse di tlaa tlhamelang balekane ba bone ditiro, ga mmogo le go nna le seabe mo go tokafatseng itsholelo ya lefatshe.

Mme keikantseng o gwetlhile mokgatlho wa Heavenly Saints go tswelela ba bereka mmogo le ofisi ya banana jaaka ba tlaa bo ba tsweledisa maitlamo a bone le gore lephata le kgone di sa tswang go tlhalosiwa.

Kgosi Kobamelo Maunatlala wa kgotla ya Leretlwa kwa Mahalapye o lebogetse LEA tiro e e molemo ya go rutuntsha banana le go leka go tlhabolola matshelo a bone.

A re le fa Mahalapye e le motse o motona, o saletse kwa morago ka dilo tse dintsi, a re bontsi jwa banana ba utlwalelela leina la Mahalapye diponeng, ga ba itse sepe ka bokao jo.

O opetse legofi maiteko a banana ba Xhosa go alosa bommantswitswidi ba kamoso ba kgwebo a bo a kopa gore maiteko a bone a engwe nokeng, jaaka go fiwa lefatshe go netefatsa gore ba tsaya karolo mo go tlhabolololong Mahalapye.

Mongwe wa barulaganyi ba tiro e, Rre Donald Letso a re ka Xhosa a itsege ka ditiro tse di duleng mo tseleng, se se ba gwetlhile go dira sengwe go fetola seemo.

A re ba lemogile gore ba ntse ba ntse teemane ka marago ka menyetla ya kgwebo e le mentsi e tlhoka balatedi

“Lefelo la madirelo la industrial le letona ebile le tletse ka dikago tse di sa dirisiweng mme banana ba le teng ba sa dire sepe,” a tlhalosa.

Rre Letso a re e a re ba le kwa Gaborone le balekane ba gagwe ba thulanye ditlhogo ba tswa ka maano a go fenya diemo tse di ba tshwenyang kwa gae mme ba tswa ka mogopolo wa go tlhama mokgatlho wa Heaven Saints Association.

A re ba lemogile gore bontsi jwa dikgwebo tsa banana ba ba ikopantseng, di dira botoka go gaisa tsa ba ba dirang ka bongwe ka bongwe, ka jalo ba tswa ka mogopolo wa go kopanya banana ba kgotla ya Xhosa go ba rutuntsha ka tsa kgwebo le go itshimololela dikgwebo.

O lebogile bangwe batsadi ba ba neng ba tsenya matsogo mo dipateng go netefatsa gore maikaelelo a bone ga a itee sefololetse.

A re tiro e atlegile ka lebaka la go bo ba ne ba intsha setlhabelo go netefatsa gore ba tswa bangwe ka bone thuso. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mpho Maswikila

Location : MAHALAPYE

Event : Dithuto tsa go tsamaisa kgwebo

Date : 03 May 2018