Breaking News

Lephata la temo-thuo le isa ditirelo kwa baruing

03 May 2018

E re ka kgaolo ya kgalagadi e tumile ka go sa tshwenngwa ke matlhoko a leruo le mororo go seke go tlhoka selabe, ba lephata la ofisi ya dijalo, lephata la tsadiso leruo le ba lephata la matlhoko a leruo go tswa kwa ofising ya temo-thuo ya Hukuntsi ba ne ba bolotsa letsholo la go kentela bolwetsi jwa motshweetshwee mo dihutshaneng mo merakeng e e mo tikologong ya Hukuntsi.

Fa a bua kwa merakeng ya Bohese bosheng, Mme Lesego Gabonnelwe, yo o direlang mo ofising ya thuo ya dihutshane, o ne a tlhalosa fa bolwetse jo jwa motshweetshwee bo atile mo Kgalagadi mme a supa fa bo tsalwa ke dinwamadi jaaka matsetse ka jaana bo ama letlalo la dihutshane.

A re dikai tsa bolwetse joo, di lemotshega ka go omelela ga letlalo, mme di nne ka go ingwaa ka ditlhare, mme se se bake tshologo ya madi mo letlalong mme e re phelelong, boboa bo felele bo tlhotlhorega.

O ne a ba kgothatsa go tipa dihutshane ka nako tsotlhe kana ba reke molemo wa Ivermax go di alafa.

O ne gape a tlhalosa fa bolwetse joo bo tshelanwa gareng ga dihutshane mme e bile bo kgona go tsena le batho, ka jalo a ba rotloetsa gore fa ba itemogela dikai tsa bolwetse  mo dihutshaneng ba di tlhaole mo go tse dingwe.

Mme Gabonnelwe o ne a supa gape gore fa barui ba sena go kenta dihutshane ba nne malatsi a ka tshwara lesome le bone ba sa di tlhabe go ja nama ya tsone, ka jaana molemo o o mo diruiweng o ka nna borai mo botsogong jwa batho.

Fa a tswa la gagwe, Dr Kesolofetse Matlhaba o ne a rotloetsa barui mo tikologong go kenta leruo ka nako e nngwefela, a re fa dihutshane dingwe di ka seke di kentwe maiteko a ba ofisi ya matlhoko a leruo a tlaa bo a iteile sefololetse ka jaana bolwetse bo a go tswelela bo jwelelela mo tikologong.

O ne gape a ba rotloetsa go nna ba isa dipego tsa dihutshane tse di suleng ka ntlha ya malwetsi mangwe kwa ofising ya bone gore go ba thusa mo go direng dipatlisiso tsa kgolo ya malwetse mo kgaolong le gore a ka laolwa jang.

Fa a tswa la gagwe, mongwe wa barui, Rre Kome Matokwane, o ne a iteela legofi kemo nokeng ya puso mo go lwantsheng matlhoko a leruo mo kgaolong ya bone.

O ne gwetlha barui ka ene go tsaya dithuto tsa matlhoko a leruo ka tlhoafalo go ka thusa go thibela kanamo ya malwetse a a ka tsogang a ba tlogetse ba iphotlhere.

Mo loetong lwa bone, ba ofisi ya matlhoko a leruo ba ne ba kgona go kenta dihutshane di feta dikete tse pedi. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Malebogo Lekula

Location : BOHESE

Event : Phuthego

Date : 03 May 2018