Breaking News

Lwelang ditshwanelo ka boikobo

03 May 2018

Kgosi Basadi Seipone o gwetlhile makgotla a babereki go lwela ditshwanelo tsa babereki ba bone ka boikobo.

O buile jaana mo kgotleng ya Kang kgwedi eno e rogwa jaaka a ne a amogela maloko a lekgotla la babereki la BOPEU fa ba ne ba keteka letsatsi la babereki.

Kgosi Seipone o tlhalositse fa babereki ba le botlhokwa mo matshelong a setshaba ka jaana e le bone barongwa ba puso e ikaegileng ka bone go thusa go isa ditirelo kwa setshabeng.

Ka jalo, Kgosi o ne a tshwaela gore se se botlhokwa ke gore babereki ba tlotle baeteledipele le go ba fa bogakolodi jo bo lolameng, a re ke yone ntlha ya konokono e ka yone ba ka kgonang go ema mmuso nokeng go ka thusana go ntsha ditirelo tsa maemo a ntlha go na le go gogela kobo ntlha e sele.

O ne gape a gatelela ntlha ya gore ba lebogele menyetla ya go bo ba bone diphatlha tsa mebereko, ka jalo ba di somarele go ka tokafatsa matshelo a bone le ba malwapa a bone ka jaana lefatshe leno le aperwe ke letlhoko la mebereko.

Mo go tse dingwe o ne a bua a sa kgale mathe ka boitsholo jo bo sa itumediseng jwa makgotla a babereki ka go tsosa mekubukubu fa ba sa kgotsofalele ditsanmaiso dingwe, mme a ba gwetlha go bua dikgang matlho a phage a lebane, go na le go itaana ka noga e utlwa ka jaana go ka se tsise tharabololo ya mathata.

“Ntwa kgolo ke ya molomo” ga bua Kgosi Seipone.

O ne a tshwaela gape gore puso e dirisa didikadike tsa dipula go duela babereki go bereka morago ga nako, mme a re seo e tshwanetse go nna thuto mo babereking gore ba tswe ka methale ya go fokotsa madi ao, ka bontlha bongwe jwa teng bo ne bo ka thusa go tlhama diphatlha tse dingwe tsa mebereko.

O ne a garela ka go gwetlha makgotla a babereki go tshwaragana le puso go sekaseka dilelo tsa babereki ka manontlhotlho.

Fa a latlhela tlhware logonnyana, lebutswa pele la lekgotla la babereki, Rre Francis Dipitse, o ne a gwetlha makgotla a babereki gore ba seka ba aswa lentswe ka go lwela ditshwanelo tsa babereki.

O tlhalositse fa bone ba simolotse mekgatlho ya lekgotla la babereki mo lokgwereng mme ka bopelotelele le mowa wa boithaopo ba kgona go tshegetsa maikaelelo a bone a go aga mekgatlho ya sennelaruri.

Ka jalo, a ba rotloetsa go nosetsa mekgatlho e, gore e seka ya phutlhama ka jaana fa ba ka raelesega ba seka ba swela dikano tsa bone ba tlaa bo ba itlhabile ka thipa mpeng, ka jaana ba tlaa bo ba sa tlhagolela dikokomane tsa bone tsela.

Fa a ba ema ka lefoko, mogakaganyi wa lekgotla la BOPEU mo kgaolong ya Kgalagadi (KGAGA), Mme Onalethata Lebotse, o ne a ba gwetlha gore ba seka ba aswa senku fela fa ba bona gore melao ya pereko e ba baya ka fa tlase ga kgatelelelo, mme ba ka dira seo ka go rotloetsa kgolo ya makgotla a babereki go nna lentswe la bone.

Mme Lebotse o ne a supa gape fa lekgotla le le buelelang babereki botlhe (Public Service Bargaining Council) le phutlhame, ka jalo ba le mo tseleng ya go tsosolosa lekgotla leo, go ka thusa go rarabolola dikgang tsa pereko ka tshosologo.

A re ba ntse ba tsweletse ka go lwela ditshwanelo tsa babereki ka jaana bosheng ba ntse ba tshwere phage ka mangana morago ga go emisiwa ga dituelo tsa go bereka morago ga nako mme ka dipuisanyo gare ga mmuso le makgotla a babereki, mmuso o boetse tshwetso eo morago.

O ne a tlhalosa fa ditlhotlhomiso di santse di tsweletse kwa ofising ya Babereki, morago ga gore go nne le dipelaelo tsa gore madi mangwe a tsene ka ga re itse, mme a ba solofetsa fa ba tlaa fiwa pego ditlhotlhomiso di sena go wela.

Mo go tse dingwe, o supile fa maloko mangwe a le maoto a tshupa go duela madi a kgwedi le kgwedi a boloko, mme a ba rotloetsa go itsosa go hema diemo tsa go tlhoka go akola meamuso e e buletsweng maloko.

O ne a iteela komiti ya kgaolo ya Kgaga legofi mabapi le boitsholo jo bo itumedisang ka jaana a tlhalosa fa ba sa tlhagelele mo dipalong tsa maloko a a tseelwang dikgato mabapi le boitsholo jo bo sa letlelesegeng.

O ne a tlatsa ka go re ba iphaphe mo go diriseng maranyane go kgoba le go leswafatsa ba bangwe mme ba a dirise go anywa dikitso tse di botlhokwa go ka tlhabololo dikitso tsa bone.

Molaetsa wa letsatsi go tswa kwa moeteledipeleng wa lekgotla la babereki la BOPEU, Mme Masego Mogwera o ne wa balwa ke mopalamnete wa pele wa kgaolo ya

Kgalagadi Bokone, Rre Phillip Khwae, o ka one a neng a kgothatsa maloko go tshwaragana go lwela ditshwanelo tsa bone ka bongwefela jwa pelo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Malebogo Lekula

Location : KANG

Event : Letsatsi la Babereki

Date : 03 May 2018