Botlhokatsebe ga bo robatse kereke ya Sabata kwa Moshupa
02 May 2018
Maloko a kereke ya Sabata e go tweng Lepapa Seventh Day Adventist Church (SDA) kwa Moshupa ba sa tswa go bolela fa ba sa robadiwe ke maitsholo a a makgaphila a baithuti mo dikoleng a a feletsang a dira gore ba seka ba atlega mo dithutong tsa bone.
Maloko a kereke eo ya Sabata ya Lepapa ba ne ba biditse borre ba malwapa le ba ba mo seemong sa go nna botsadi mo thutopuisanyong ya letsatsi kwa Moshupa kwa sekoleng se segolwane sa Diratsame ka letsatsi bosheng.
Maikaelelo a thutopuisanyo ya letsatsi leo e ne e le go buisana ka se se bakwang ke botlhokatsebe jwa bana le gore go ya pele go ka dirwa enge.
Moono wa letsatsi e ne e le go aga dipota tsa Moshupa.
Mme Ketametso Mathibidi, mongwe wa maloko o boletse fa dikole tsa Moshupa di na le kgwetlho e tona ya bana ba bacgogang metokwane le go nwa majalwa.
Mme Mathibidi o boletse fa se se ngomolang pelo batsadi ba seke ba ya kwa dikoleng fa ba bidiwa le fa e le diphuthego tsa barutabana le batsadi.
Le fa go ntse jalo, e rile fa ba sugasuga kgang eo banwge ba borre ba ba neng ba tsena mo seatleng ba bolela fa botsadi jwa gompieno le bana ba bone ba sa tshwane ka matshelo le ba maloba.
Rre Andrew Moilwa o ne a bua a menne phatla gore bana ba gompineo ga ba itewe fa ba dirile phoso.
A re thupa ke yone molemo.
O boletse fa kwa dikoleng le gone thupa e le moila.
Rre Moilwa a re go na le lekgotla la ditshwanelo le le rotloetsang botlhokatsebe ka gore bana fa go twe ba a kgalemelwa ba re ba na le ditshwanelo.
Ba masika le baagisanyi le bone ga ba thuse go lwantsha botlhokatsebe jwa bana ka gore mo go gompienong batsadi ga ba batle bana ba bone ba kgalemelwa.
Mongwe wa borre, Mokganedi Monare e ne o tlhalositse fa bagolo bangwe ba itisa le bana bosigo go nowa majalwa fa bangwe ba ratana le bananyana bao.
O boletse fa bangwe ba santse ba sa itse molao wa bana, a re ba tshwanetse go o rutwa.
Rre Monare o tlhalositse fa bogologolo bana ba ne ba itewa e bile ba ya masimo fa dikole di tswetswe ba reetsa batsadi.
Rre Sekosana Sekate ene o tlhalositse fa bana ba gompieno, bogolo jang ba Moshupa ba rekwa fa ba rongwa e seng jalo ba gana go rongwa.
Rre Sekate a re le batsadi ba bone ba rotloediwa go rekwa ka madi fa ba rongwa.
O tlhalositse fa baithuti ba tsena kwa malwapeng bosigo mme ba dule kwa sekoleng nako e le teng.
O boletse fa mapodisi le ba twantsho borukutlhi ba tshwanetse go ba thusa seemo.
O boletse fa bangwe ba tswalela bana mo matlong gore ba reke majalwa le go goga metokwane le ditagi tse dingwe.
E ne e rile go le pele mothusa mogokgo wa sekole se segolwane sa Diratsame, Rre Thabo Mosalakgoko a amogela batsena thutopuisanyo a bolela fa puso e tshela madi a mantsi mo thutong mme baithuti bangwe ba bo ba tshameka ba sa ithute gore ba nne le bokamoso jo bo siameng.
O tlhalositse fa baithuti ba senya dikago mo go tsitsibanyang mmele.
O kopile batsadi le barutabana go bereka ka bongwefela jwa pelo go bopa bana.
O boletse fa dikereke e le nngwe ya matshego a a bopang setho sa batho.
Kwa bofelong ba boletse fa dilo dingwe tse di dirang gore bana ba tlhoke tsebe ke gore malwapa mangwe a humanegile mo palelwang ke go tlamela bana ba bone, ba bolela ka seemo sa diphetogo tsa gompieno, dintwa tsa batsadi mo malwapeng le ditlhalano.
Se sengwe batsena thutopuisanyo ba boletse fa kgatelelo ya go kopisa mekgwa le ditagi mo sekoleng o na le seabe.
Gape bana bangwe ba nna le batsofe kwa malwapeng fa mangwe a malwapa a eteletswe pele ke bana.
Ka jalo batsena thutopuisanyo ba ne ba wetsa ka go re puisanyo e batla batho ba bantsi jaaka ba lekgotla la ditshwanelo tsa bana, mapodisi, dikgosi, barutabana le batsadi ka kakaretso go tla go rarabolola dikgang tsa bana. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : MOSHUPA
Event : Thuto Puisanyo
Date : 02 May 2018






