Breaking News

Mme Seoko o itshetsa ka tshingwana

02 May 2018

E re le ntswa go lebega go na le dikgwetlho tse batho ba ba thusitsweng ka mananeo  a puso  ba kopanang le tsone, go lebega go na le bangwe ba ba ititiyang sehuba go di fenya.

Mongwe wa batho ba ba itshetsang ka lenaneo leo e bile a ipela ka lone, Mme Marea Seoko wa Tsabong ke mongwe wa ba ba tshelang le bogole mme puso e sa mo seegela kwa thoko ka jaana e mo thusitse ka mananeo a a ka tokofatsng botshelo jwa gagwe.

E re ka Motswana a rile mokoduwe go tsosiwa yo o itekang, Mme Seoko wa dingwaga tse di masome mane le bone o supile fa puso e ne ya mo thusa ka lenaeo la nyeletso lehuma ka ba ne ba bona bokgoni jwa gagwe le ntswa a ne a tshela ka bokoa.

A re puso e ne ya mo direla tshingwana  ya merogo ka 2012 fa tlase ga lenaneo la nyeletso lehuma mme ba mo rekela tanka ya metsi ya dilithara tse di sekete.

A re o ne a lema merogo e tshwana le beetroot, spinach, chomolia, ditholwana le pherefere.

Mme Seoko o supile fa go ne ga tshwarwa ditshupo kwa Tsabong tse batho ba ba neng ba thusitswe ka mananeo ba neng ba isa dithoto tsa bone e le tsa Kgalagadi Borwa mme ka a ne a setse a robile a seka a nna maoto a tshupa go isa thobo ya gagwe go iteka lesego.

A re ka motho a tshela ka mofufutso wa phatla o ne a nna le maduo a a itumedisang mo a neng  a ya legatong la makgaolakgang  la ditshupo kwa Gaborone mme dijalo tsa gagwe tsa feta tsa phala tsa babangwe ka jaana o ne a tsaya maemo a ntlha.

A re madi otlhe a a neng a a fentse mo dikgaisanyong tsa disupiwa o ne a ithekela dilwana tsa ntlo di akaretsa setsidifatsi le raka mme madi a mangwe o ne a reka dikgetsana tsa samente tse a neng a di foroma.

A re e ne ya re morago a ya go batla moagi mme a mo agela ntlwana ya boitiketso morago a mo duela ka madi a thekiso ya merogo.

A re e ne ya re ka 2014 le gone a seka a ipona tsapa a ipoeletsa gape  kwa ditshupong mme a fenya gape ka merogo ya gagwe e e neng e kgatlha leitlho la baatlhodi.

A re madi a a neng a a fenya o ne a reka terata go agelela tshimo le  go oketsa maungo le merogo tse di mo tshingwaneng.

A re dipoelo tse a di dirileng  fa a sena go rekisa dijalo tsa maungo a a farologaneng o ne a reka terata gore a agelele tshingwana e a e agetsweng le gone go ithekela melemo e a e tlhokang ka e puso e neng e mo thusa ka yone e fedile.

O supile fa a ne a ithekela setsidifatsinyana se a tsamayang ka sone a tsentse melemo ka ba botsogo ba ne ba laotse gore melemo ya gagwe e nne mo lefelong le le tsiditsana i.

Mme Seoko o supile fa a na le dikgwetlho mo tshimong ya gagwe di akaretsa diji jaaka podile le diboko le  gore fa a gateletswe  ke bolwetse  dijalo di a swaba mme se e nne poeleo morago.

A re  phakela le phakela o lekola dijalo gore a ga di a angwa ke diji gope go simologa mo mmung go ya kwa matlhareng mme fa a ka bona fa diji di sentseng teng, ka mmu o a bo o santse o le tsididi o kgona go ntsha diji tseo.

O supile fa o thusiwa gape ke metsi go  tlhatswa matlhare fa go le phakela go  ntsha diji tse dingwe.

Mme Seoko o supile fa ngwaga ono a na le temo e e kgatlhisang mme a na le dijalo tse dintsi tse a di lemileng jaaka Beetroot,digwete, spinach, potata, moretlwa wa sekgoa, ocgra, chomolia, basil, kwii le dinammuni.

A re tshimo ya gagwe e dira sentle ka mo nakong ya gompieno a  setse a simolotse go rekisa spinach le ditamati mme madi a teng a a tsenya mo sebolokelong.

Mme Seoko o supile fa bokoa kana bo- na- le bogole e se gore motho ga a kgone go itirela sepe mme go tlhoka kemonokeng ya setshaba go mo fa thotloetso, le one maitlamo go tokakafatsa botshelo jwa gago le go itshetsa. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Moemedi Dikodi

Location : TSABONG

Event : Potsolotso

Date : 02 May 2018