Breaking News

Ruviya e tsosolosa ngwao

02 May 2018

Lentswa tshologelo e ne e le kwa tlase, moletlo wa Ruviya o maikaelelo a one e leng go ipelela dingwao tse di farologaneng tse di fitlhelwang mo kgaolong ya bokone Bophirima le go rotloetsa banni go boloka ngwao, o ne wa tshwarwa bosheng kwa masimong a Samedupe gaufi le Maun.

E re le ntswa bontsi jwa batho ba ne ba supile fa ba itse ka moletlo o, tshologelo e ne e le e e boutsana.

Se se bakilwe ke gore moletlo o o ne o dirilwe ka Letsatsi le le lengwe le maitiso a mangwe a mmino mo kgaolong.

Mme se se ne sa seka sa emisa barulaganyi ba moletlo o go tswelela ka tsotlhe tse di neng di rulaganyeditswe letsatsi le.

Balatedi ba moletlo o ba ne ba itlosa bodutu ka go tshameka metshameko ya ngwao jaaka koi le morabaraba.

Go ya ka morulaganyi wa moletlo o, Mme Gofaone Sedihe, lefoko Ruviya ke lefoko la Seherero le le rayang go ipela kana go itumela.

O supile fa moletlo o o ne o tshwanetse go nna ka Mopitlo mme wa tlosolosiwa.

O supa fa se e le sone se bakileng tshologelo e e kwa tlase e ba e boneng.

Mme Sedihe o ne a ikuela mo pusong gore e ba tshologe mokgosi mo meletlong ya mofuta o ka ke yone fela e ka thusang go ikgakolola le go rotloetsa ngwao mo Botswana.

O ne asupa gore ke nako ya gore go kabakanngwe itsholelo ka ngwao ka mo nakong eno bajanala ba batla go ithuta ka ngwao ya mafatshe a ba a etelang.

O supile fa bajanala ba malatsi a ba sa rate go ya kwa mafelong a diphologolo fela mme ba rata le go amogana le Batswana ngwao ya bone.

O ne a supa fa banana ba na le kgatlhego e ntsi ya go dira ditiro tse di rotloetsang ngwao mme nako e ntsi ba itsapisiwa ke bogogi bo ba kopang diteseletso kwa go jone ka ba ba direla tiro bokete.

O supile fa ba sa tlhalosediwe ditsetla tsotlhe ka botlalo nako e le nngwe mme se se dire gore ba boe kgapetsakgapetsa kwa diofising go kopa thuso mme se se ba kgoba marapo.

O kopile banni ba Bokoni Bophirima go ba ema nokeng mo nakong e e tlang ka gore maikaelelo a gagwe ke go dira moletlo o ngwaga le ngwaga. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Oratile Mothibedi

Location : MAUN

Event : Moletlo

Date : 02 May 2018