Breaking News

Ba dikago ba leboga mokgatlho

02 May 2018

Bontsi jwa badiri ba ditiro tsa kago ba ba neng ba tseneletse bokopano jwa go simolodisiwa ga lekgotla la Ngamiland Local Contractors Association ba lebogetse mokgatlho oo ba re o tlaa ba thusa mo dikgwethong.

Ba buile jalo kwa bokopanong jo bo neng bo tshwerwe bosheng mo Maun.

Fa a akgela, Rre Baemedi Motlatshiping wa moagi o ne a re go botlhokwa gore go nne le mokgatlho o o ka berekang le ba ditiro tsa kago go ka laola boleng jwa ditiro.

Rre Motlatshiping o ne a re go maswabi go bo bangwe ba latlhelela ditiro tsa bone tsa kago go simolola ka ba ba ba dirang ditena le bone baagi mme ba feletse ba dira dikago tse di senyegang ka pele.

Mme Florence Matoteng wa mogwebi wa tsa kago kwa Gumare le ene o ne a re o itumeletse go tlhangwa ga mokgatlho oo.

Mme Matoteng o ne a re o na le tsholofelo ya gore mokgatlho o o tlaa ba fa lentswe gore ba kgone go nna le dipoelo mo ditirong tse ba di bonang tsa kago.

Mme Matoteng o ne re ga ba bone dipoelo le fa ba kgonne go fiwa ditiro tsa bo P90 000 ka madi a mantsi a tsewa ke go tsaya lokgarapana bokgakala jwa Bodibeng mme ba dira tiro ka kwa moseja ga makgobokgobo a Okavango.

Rre Monnaatshipi Mandozi le ene o ne a lebogela mokgatlho oo mme a rotloetsa banana ba tsa kago go o tsenelela gore ba nne le maduo mo tirong tsa bone.

Rre Kealeboga Piya wa mokgatlho wa Maun Private Electricians Association le ene o ne a akgola ba mokgatlho wa tsa ditiro tsa kago.

O ne a ba rotloetsa go tshwara ka thata a re bone e le ba metlakase ba sale ba simolola ka 2015 mme maloko a bone a tla ka boutsana.

Rre Piya o ne re mokgatlho o botlhokwa ka o ba fa lentswe e bile ba kgona go kopana le boeteledipele motlhofo.

Fa a ntsha bogakolodi, Kgosi Cosmos Lelathego wa kgotla ya Moeti o ne a re ba age mokgatlho wa bone o nne wa motia.

Rre Lelathego o ne a re mokgatlho o ya go ba thusa ka go dira dithutopuisanyo tse ba ka kgaoganyang dikitso le go buisana ka tse di ka ba isang pele go dira tiro tsa boleng.

O ne a re mokgatlho o ya go ba rutuntsha le ka tsa matshelo jaaka tsa malwapa le botlhokwa jwa go boloka madi a ba a dirang go na le go jela mo ganong fela. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kedirebofe Pelontle

Location : MAUN

Event : Bokopano

Date : 02 May 2018