Breaking News

Arie o ipela ka mekgabisa ya setso

02 May 2018

Mme Nakisani Arie yo o tlholegang kwa Mabesekwa mo kgotleng ya Mokuelele o supile maitemogelo a gagwe mabapi le go tsaya ka tlhoafalo botswerere e le tsela ya go  itshetsa.

Mme yo o inaakantse le go loga dibaga, ditlatlana, go bopa dinkgwana tsa setso, go loga matlhowa, go suga matlalo le go dira diphate le dithoto tse di akaretsang go dirwa ka letlalo jaaka ditlhako, mabante, dibeke tsa makgarebe le paka ya mmino wa setso.

Mo godimo ga moo, Mme Arie ke mmetli wa legong go dira dikika, metshe, meropa, ditilo, megori, diphetlho le ditshwantsho ka mefuta.

Fa a bua mo potsolotsong le BOPA, Mme Arie go tswa bonyaneng jwa gagwe o tshidile a nna le nkukuagwe Mme Keleabetswe Arie ga mmogo le Rraagwemogolo, Rre Arie Phathane.

A re batsadi ba ne ba nna le ene kwa merakeng ya Mabesekwa mme e bile e ne e le bommantswitswidi ba ditiro ka bontsi tsa ngwao.

O ne a tlatsa ka go supa fa go nna bo mmantswitswidi moo ga botsadi go ne ga ba rotloetsa go dira dithoto tsa ngwao go di rekisetsa banni le baeng ba ba neng ba etela Mabesekwa.

Mme Arie o boletse fa e ne ya re ka dingwaga tsa 2010 le 2011 ka tatelano, botsadi jwa gagwe jwa hulara.

Mme ka ba ne ba mo tlogeletse boswa jo bo sa feleng, a re o ne a bona go le molemo go tsweledisa fa batsadi ba tlogetseng teng gore kgabagare a tle a kgone go ikisa meriting.

O boletse fa a ne a tsaya ka tlhoafalo tiro e ya gagwe e a saleng a e ratile go tswa bogologolo mme gompieno jaana, Mme Arie kwa motseng wa gagwe ke ene mmantswitswidi le ditshaba di paka seo.

A re mme mo dithotong tsa letlalo o remeletse thata mo go itsolopanyeng go dira kapari ya mmino wa setso ya phathisi, borankana le Hosanna a direla ditlhopha ka go farologana tsa mono gae.

Mme Arie o tlhalosa fa a remeletse mo kaparing ya mmino wa setso ka e na le letseno le le kgatlhisang mme e bile o bona thotloetso go tsweng le kwa toropo kgolo Gaborone.

“Matlalo a me a ke a dirisang ke a suga Setswana.

Ke bodisa boboko jwa leruo ke bo ke bo tlhakanya le lobebe lwa mashi go dira motswako,’’ a supa jalo.

O ne a tlhalosa fa go bo a dira jalo e le gore letlalo le kgone go nna boloulou mme gape le seka la tshabelelwa ke go jewa ke dingwe ditshidi jaaka tshole.

A re fa a le sugile ka tsela e, o a bo a feditse ka lone mme o ka dira se a sebatlang ka lone a sena bothata bope mme e bile kwa pheletsong le ka se re sepe le fa le le mo tirisong.

O supile fa ka letlhoko la ditsompelo a ne a suga palo e potlana ya matlalo.

A re seo se ne se mo kgoreletsa go dira go le go ntsi.

Mme ka Modimo a sa je nkabo, Mme Arie o ne a bona kgolo mo kgwebong ya gagwe fa Tautona yo o sa tswang go fologa setilo, Lt Gen. Dr Seretse Khama Ian Khama a ne a lemoga maikaelelo a gagwe ka go mo abela mekoro e mebedi go e dirisa go suga letlalo, tshipi e e gosang letlalo le tse dingwe ditsompelo tse a neng a di tlhoka.

A re go abelwa dimpho tseo o ne a itela mo go Tautona wa pele fa a ne a ba jetse nala kwa kgotleng go tla go lekola ka seemo sa bone sa itsholelo le go utlwa ka matshwenyego a bone.

Gape a re o motlotlo ka thuso eo ya ga Tautona wa pele mme e bile o tlaa mo gopola ka yone ka e nnile le seabe mo go godiseng kgwebo ya gagwe.

Se se molemo ka mme yo ke gore o ruta bana ba gagwe se a se dirang gore jaaka le ene a kwataboloditse mo botsading jwa gagwe le dikokomane tsa gagwe di tseeletse gore kgabagare serodumo sa lelwapa la bone se tswelele se bonala.

O tlhagisitse fa ngwao e le boswa jo bo sa feleng mme ka jalo a ikuela mo Batswaneng ba bangwe go ruta le go lemotsha dikokomane ngwao ya lefatshe leno, seo e le tsela nngwe ya go e somarela go ya go ileng.

A re le ntswa mo malatsing a segompieno go tshelelwa mo dipakeng tsa diphetogo tsa maranyane a sesha, seno ga se a tshwanela go dira gore Batswana ba ikgatholose ngwao ya bone e e leng yone e nnileng le seabe mo go ageng setshaba seno e leng sone.

Mme Arie o tlhalositse fa ka letseno le a le boneng mo kgwebong e ya gagwe a setse a kgonne go ikagela ntlo ya dikamore tse pedi le sephatlo.

A re gape o kgona go itlamela le bana ba gagwe, mme fa ba ya kwa dikoleng tse dikgolwane ga a ke a taboga lepaapaa go batla madi a paka ya sekole le ditsompelo tse ba di tlhokang jaaka dikobo le mhago.  

Go sa le foo, Mme Arie o kgothaditse Batswana go lemoga botlhokwa jwa go ipelega ka go ribolola botswerere jo ba nang le tsone.

A re o ngomolwa pelo ke go bona batho bangwe ba aperwe ke lehuma le le tseneletseng ba batla go ikaega fela ka puso go ba direla sengwe le sengwe le ntswa ba na le matsogo le ditlhaloganyo go ka ikakanyetsa go ipetlela bokamoso. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kebatsaletse Ongadile

Location : MABESEKWA

Event : Potsolotso

Date : 02 May 2018