Breaking News

Moletlo wa ipelelo ngwao o tsamaile sentle

01 May 2018

Mogokaganyi wa ditiro tsa mokgatlho wa Arts Rain Culture mo Selebi Phikwe, Rre Tshepho Tsela a re o itumeletse ka fa moletlo wa Ko Chomeleng Cultural Festival o o neng o rulagantswe ke mokgatlho wa bone o tsamaileng sentle ka teng.

Rre Tsela a re tsotlhe tse di neng di rulagantswe gore di tlaa diragala mo moletlong oo, di ne tsa tsamaya ka thelelo.

O boletse fa boeteledipele jwa toropo ya Selebi Phikwe bo ne jwa supa kemo nokeng ya maikaelelo a mokgatlho wa bone ka go nna teng kwa moletlong oo.

A re moletlo o wa Ko Chomeleng Culture Festival, o o neng o tshwaretswe kwa mabaleng a ditshupo a Selebi Phikwe ka setlhogo se se reng Ka Ngwao re ka Tsoga, o kgonne go ngoka bagwebi ba ba botlana mo toropong ya Selebi Phikwe le metse e e mabapi.

Rre Tsela a re ditlhopha tsa mmino wa Setswana tse di neng di natefisa kwa moletlong o, ga di a ka tsa swabisa ba ba neng ba tsholegile go tla go jesa matlho a bone monate ka go ntsha ga tshwene fa ba diragatsa.

O lebogetse dikompone le botlhe ba ba neng ba tshwaragane le bone go rulaganyetsa moletlo oo bosheng, ka jalo a bolela fa tshologelo ya batho e supa fa o tlaa nna le tswelelopele e e nametsang jaaka ba ikaelela go nna ba o tshegetsa ngwaga le ngwaga.

A re moletlo oo, ke lengwe la maiteko a bone e le banana mo go nneng le seabe mo tsosolosong ya itsholelo ya toropo ya Selebi Phikwe.

O kopile botlhe ba ba neng ba salela kwa morago go ititaya ka thupana nako e e tlang ka maiteko a bone e le go dira se se tlaa tokafatsang matshelo a banni ba Selebi Phikwe ka kakaretso, segolo jang ba mhama wa bodiragatsi le dikgwebo.

Rre Tsela a re le fa moletlo wa bone o tsamaile sentle, go na le dikgwetlho tse ba neng ba kopana le tsone mo thulaganyong ya one, segolo jang go tlhoka barotloetsi.

O boletse fa ba kgonne go ngoka dikompone le batho ka bongwe ka bongwe ba ba supileng fa ba tlaa buisana le bone ka fa ba ka thusanang mo go rulaganyetseng moletlo wa ngwaga o o tlang.

A re ba rulagantse tshekatsheko ya ka fa moletlo o o tsamaileng ka teng kwa gape ba tlaa buisanang le go bolela maina a dikompone tse di supileng kgatlhego mo go tshwaraganeleng thulaganyo ya moletlo o ngwaga o o tlang. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kago Kgosietsile

Location : SELEBI PHIKWE

Event : Moletlo

Date : 01 May 2018