Breaking News

Puso e lemoga botlhokwa jwa kereke

01 May 2018

Mothusa tona wa lephata la thuto go tswa kwa moding, Rre Thato Kwerepe a re puso e lemoga seabe sa dikereke, bogolo jang tse di kwadisitsweng ka fa molaong.

O buile jalo kwa moletlong wa go ipelela ngwaga wa kereke ya Word Worshippers After Christ mo Maun o o neng o patagane le go aba dikobo kwa kokelong ya Letsholathebe le ditilo kwa kgotleng ya Sedie le Samedupi bosheng.

Mothusa tona, yo gape e leng mopalamante wa Ngami, a re dikereke dingwe di dirile tiro e ntle ka go simolodisa dikole tse dikgolwane jaaka Maun, Moeding le St Joseph’s College ka bonnye jo ba bo kgobokanyang.

O ne a supa fa kokelwana ya Sehithwa le yone e agilwe ke kereke, a re seo ke seabe se se tona se puso e se lebogelang.

O kgothaditse maloko a dikereke ka go farologana gore ba nne ba ntsha di-tsa bosome, a re ke tsone tse di ka ba kgontshang go diragatsa ditiro tsa kereke le go thusa ba ba tlhokileng lesego mo setshabeng.

Rre Kwerepe o ne a lebogela kereke eo maiteko a yone a go aba mme le ene o ne a abela kereke eo P1 000 le kgomo.

Mo go tse dingwe, mothusa tona o gateletse botlhokwa jwa go sala tsamaiso morago fa batho ba eletsa go bula dikereke go tila go kgopakgopetsena le puso.

O rotloeditse gape dikereke go gogela bana mo tumelong gore ba seka ba kgatlhwa ke go dira dilo tse di sokameng, a tlhalosa fa gompieno dikole di aparetswe ke mathata a botlhoka tsebe jwa baithuti.

O ne a supa fa temana nngwe mo Baebeleng e bua jalo gore ‘lesang bana ba tle go nna go nne bogosi jwa legodimo ke jwa bone’ a tlatsa ka go re ke ka moo go leng botlhokwa go godisetsa bana mo lefokomg la Modimo.

Rre Kwerepe a re o dumela fa kereke e ka thusa go lwantsha botlhoka tsebe jwa baithuti mo dikoleng ka go ba fa dithuto tse di ba supegetsang lesedi.

O kgothaditse batsena moletlo gore ka dinako tsotlhe fa go le thata, ba nne ba khubama ba lebisa matswenyego a bone kwa Modimong, mme a re ka go dira jalo ba tlaa bona tlharabololo.

Fa a amogela baeng, moruti wa kereke, Apostle Eric Kuapara o ne a re go a itumedisa go bona ba kgonne go aba dikobo di le masome matlhano le ditilo di le masome mabedi.

E re Motswana a rile ‘sejo sennye ga se fete molomo’, a re o dumela fa dimpho tseo di tlaa dira pharaologanyo e tona mo go ba ba di amogetseng.

A re mo kerekeng ya bone ba ikgantsha ka go rera lefoko la Modimo le go supa lerato mo go ba bangwe.

Motlhami wa kereke eo, Bishop Joseph Jacob o ne a supa ditso tsa kereke a re e simologile ka Moranang ngogola, mme se se mo itumedisang ke kgolo e e diragetseng.

O gateletse botlhokwa jwa go tshwaragana ga dikereke a re seo se ka dira gore di kgone go fenya mmaba le go rarabolola dikgwetlho tse di wetseng tshaba eno.

Bishop Jacob a re maikaelelo magolo a kereke ke go rera efangedi mo setshabeng le go obamela melao ya lefatshe leno ba sa lebale go thusa ba ba tlhokileng lesego mo setshabeng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Onalenna Mokhawa

Location : MAUN

Event : Moletlo

Date : 01 May 2018