Khansele e solofetsa Kgosi Kgari diofisi tse disha
01 May 2018
Modulasetilo wa khansele ya Kweneng, Rre Jeffery Sibisibi a re puso e tsere tshwetso ya go tlhabolola tebego ya diofisi tsa ga Kgosi Kgari III wa Bakwena ka go aga tse disha, tiro e bontlha bongwe jwa yone bo tlaa simololang ngwaga ono wa madi.
E rile a lekodisa morafe mo phuthegong ya kgotla bosheng, modulasetilo Sibisibi a fa Bakwena tsholofetso ya gore dithulaganyo di tsweletse go simolodisa tiro eo, jaaka fa bomaitsaanape ba solofelwa go simolola tiro ya moalo e e yang go lopa P3 million monongwaga.
Ka jalo tsholofelo ke gore tiro e tlaa simolola ngwaga ma madi wa 2019/2020 fa go ka seke go tlhagoge dikgoreletsi tse di ka senyang thulaganyo e e dirilweng mo nakong eno.
Modulasetilo o gakolotse gore e re ka tiro eo e ya go tlhokana le morero wa borara wa gangwe le gape, o kopa ba ba lebaneng go betla tsela ka go ithulaganya go sale gale go hema madiadia a a ka felelang ka go faposiwa ga madi.
Kgang ya kago ya diofisi tsa ga kgosikgolo e ntse e sa jese morafe diwelang ka matshwenyego a gore seemo sa tsone se maswe e bile ke kago e e siilweng ke nako.
Rre Sibisibi o ne a ikuela mo morafeng gore e re ntswa khansele e tsweletse ka go dira maiteko a go abela banana ba mo gae ditiro ka maikalelo a go thusanana mo maitekong a go tlhabolola kgaolo ya Mokwena, go sa wediweng ka nako ga ditiro le go rola ditiro tse di senang boleng e santse e le kgwetlho e khansele e tsweletseng ka go e itemogela.
Modula setilo a re boitshwaro jo bo sa amogelesegeng joo, ga bo senyetse khansele fela ka jaana madi a a dirisiwang ke a morafe, mme a supa fa go tlhoka le morafe go tsenya leitlho go netefatsa gore ditiro di ntsha maduo a boleng e bile e le tsa sennela ruri.
O supile fa maikaelelo a tsweletse go fefosa kago ya ditsela tse di ralalang motse go dirisiwa ditena, mme a tlhalosa fa a kgorelediwa ke ba ba abetsweng ditiro tsa go reka di dirisiwa di tshwana le ditena.
“A re kgothatseng bana ba rona go tsaya ditiro tsa morafe ka tlhoafalo fa ba filwe boikarabelo ka jaana go sa tshephege go ka felela go ba baya ka fa mosing fa ba sa kgotsofatse mabaka a ditiro tse ba di fiwang go tlhabolola kgaolo ya Mokwena”, Rre Sibisibi a gakolola.
Modulasetilo o ne a lekodisa gape ka thulaganyo ya tekeletso ya go tsenya dipone tsa di bonelang kgakala tse a reng di tlaa akaretsa bontsi jwa mafelo le go fokotsa kgolo ya borukutlhi mo metseng.
Mongwe wa batsena puthego, Rre Joseph Tshireletso o supile fa a tshwenngwa ke go boelwa morago ga ditiro tsa ditlhabololo mo Molepolole gangwe le gape.
Morafe o ne wa gakolola khansele go tsibogela tharabololo ya seemo sa mabitla, ba supa fa seemo se befile kwa mabitleng a Masuaditshwene. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kebaeditse Baitlotli
Location : MOLEPOLOLE
Event : Phuthego ya Kgotla
Date : 01 May 2018






