Kgwediso ka seatla e a kgonagala
01 May 2018
Kgwediso ka seatla e a kgonagala mo mafudisong a a tlhakanetsweng.
Se, e ne e le setlhogo sa letsatsi la barui ba mokgatlho wa Kgomokoma kwa merakeng ya Mogwagwane gaufi le Sorilatholo bosheng.
Letsatsi le, le maikaelelo a lone e neng e le go rutuntsha le go arogana megopolo mo barua- kgomong, le ne le tshwerwe ka Matlhatso.
Mo go lone letsatsi le, barua-kgomo ba ne gape ba rutuntshiwa go gwedisa ka seatla.
E rile a tlhalosa ka mokgatlho oo, moeteledipele wa Kgomokoma, Rre Kabelo Phelelo a tlhalosa fa o tlhamilwe ka 2015.
A re kgang kgolo kwa tshimologong ba ne ba aparetswe ke mathata a go bewa ditsha tsa masimo mo dipolasing ntswa lefatshe le simologile e le la mahudiso.
A re ba ne ba ikopanya go bona gore mathata a, ba ka a rarabolola jang, mme ba simolodisa mokgatlho wa Kgomokoma.
Rre Phelelo a re mokgatlho o, o feletse o gola go nna wa barua- kgomo mme ba simolola go dira letsatsi la barui le mo go lone ba neng ba tla ka setlhogo sa letsatsi mme ba nne mmogo go arogana megopolo le batsayakarolo go tokafatsa thuo.
Letsatsi leo, e ne e le la bobedi ba ntse ba tshwara moletlo oo.
E rile a simolodisa moletlo se mmuso, mothusa mokwaledi mo lephateng la temo-thuo, Dr John Moreki a tlhalosa fa temo-thuo e le konokono e bile mo mafatsheng a Afrika batho ba ikaegile ka yone ka e na le seabe se setona mo itsholelong.
O buile gape gore go botlhokwa go bona gore temo-thuo e a tswelela e seng jalo lefatshe leno le ya go ikaega ka mafatshe a mangwe.
Dr Moreki o supile fa a dumalana le setlhogo sa letsatsi.
A re lefatshe leno ga le bolo go dirisa maranyane a kgwediso ka seatla, mme sebe sa phiri ke gore maduo a teng ga a ise a akolwe sentle ka ntlha ya gore mafelong a a lesome le botlhano a kgwediso ka seatla lefatshe ka bophara, ga a dirisiwe mo go kgotsofatsang.
Ka jalo, o ne a rotloetsa barui go inaakanya le go dirisa mananeo, a ebileng a tsamaisiwe ke bone go imolola puso mokgweleo.
Le fa go ntse jalo, o ne a akgola mokgatlho wa Kgomokoma go bo o nnile sekao ka go dira lefelo la kgwediso ka seatla mo merakeng ya bone go tlhabolola thuo.
A re kgwediso ka seatla ga e ture e bile e botoka thata go na le go reka poo le maduo a teng a mantle thata.
Mothusa mokwaledi o ne gape a supa fa puso e tshwenyegile ka go reka dijo kwa ntle ga lefatshe.
A re go a tshwenya gore kgomo e le yone banka ya Motswana e bo dipalo tsa yone di wela kwa tlase.
A re le fa go na le diphetogo tsa loapi, nako e tsile ya gore barui ba itlwaetse go tshela le leuba.
A re gape go a tshwenya gore mo boitseanapeng jo bo kana, palo ya dikgomo e bo e wela kwa tlase fa go tshwantshanngwa le bogologolo fa go ne go sena maranyane.
O rotloeditse barui go ititaya ka thupana go leka go godisa palo ya dikgomo go lekana seelo se se beilweng sa didikadike di le tharo.
Fa a tswa la gagwe, mookamedi wa tsa theko le thekiso go tswa matlhabelong a Botswana Meat Commission (BMC), Rre Galenyatse Bathuseng o boleletse barui gore dikgomo tse dintsi tse BMC e di rekang di tswa mo mafudisong a a tlhakanetsweng.
Ka jalo o ne a ba tsibosa ka botlhokwa jwa go kwadisa meraka gore barui ba kgone go rekisa dikgomo tsa bone ka ditlhwatlhwa tse di botoka.
A re mo bogompienong, BMC e tlhaba palo e e kwa tlase ya dikgomo ka gore barui ga ba sa tlhole ba kgona go ntsha seelo sa 200 000 se ba neng ba se ipeetse.
Moemedi mo lephateng la temo-thuo a itebagantse le kgwediso ka seatla, Mme Tiyapo Grand le ene o rotloeditse barui go dirisa lenaneo le, a kaya fa e bile go kgonagala gore barui e nne bone ba ba le itsamaisetsang.
A re lenaneo le mo lefatsheng leno le simolotse ka 1966, maikaelelo magolo e le go atisa leruo ka bonako. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Lindi Morwaeng
Location : MOGWAGWANE
Event : Bokopano
Date : 01 May 2018






