Mosweu Mokokwana ba lela ka sekontere
29 Apr 2018
Banni ba metse ya Mosweu le Mokokwana kwa kgaolong ya Tswapong Bokone ba lela ka letlhoko la sekontere, selo se ba reng se baka tiego ya ditlhabololo kwa metseng ya bone.
Kgosi Goitse Balebetse wa Mokokwana o boletse bosheng fa letlhoko la sekontere le baka gore dingwe ditlhabololo di ba tlole di ye kwa metseng e e nang naso.
Kgosi Balebetse a re banni ba tsamaya sekgala ka maoto go latela ditlamelo di akaretsa poso le marekisetso kwa metseng e e mabapi jaaka Seolwane, Maunatlala le Lerala.
A re se, se kgoba banana ba ba nang le keletso ya go itshimololela dikgwebo tse dipotlana, tse di ka tlhabololang motse go dira jalo.
Kgosi Comet Baitlhapi wa Mosweu le ene o supile fa go tlhoka sekontere go ba baya ka fa mosing.
A re banni ba metse e mebedi e ba sokola ka dipalamo tsa setshaba go ya metseng e e mabapi go latela ditlamelo.
O tlhalositse fa beng ba dikgwebo ba ba ka tsisang ditlhabololo kwa motseng wa bone, ba sa supe kgatlhego bakeng la letlhoko la sekontere.
Kgosi Baitlhapi o kaile fa metse ya Mosweu le Mokokwana e na le palo e e bonalang ya batho, sebe sa phiri e le letlhoko la sekontere.
Kgosi Baitlhapi o supile fa motse wa gagwe o phophoma ka ditso, o ratwa ke bajanala mme ba felela ba sia ntateng ya tsela e e senang sekontere ka e senya dikoloi.
Mme Tsaone Baitlhapi, monni wa Mosweu e bile e le leloko la komiti ya ditlhabololo tsa motse a re o na le kgwebonyana ya go rekisa mo lwapeng mme bontsi jwa dikoloi tse di tsisetsang bagwebi ba babotlana dilwana, di sa tsene kwa motseng wa bone bakeng la lethoko la sekontere.
Seo se bo se mo pateletsa go hirisa ba ba nang le dikoloi go mo isa kwa Maunatlala go ya go tsaya dilwana, pheletsong kgwebo e sale e sena dipoelo.
Metse ya Mokokwana le Mosweu, e sekgala se se khutshwane go tswa Maunatlala mme ga go na sekontere go ya kwa go yone fa motho a tswa Maunatlala. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Juliah Kotlhao
Location : LERALA
Event : Potsolotso
Date : 29 Apr 2018






