Lephata la thuto le itshegela tema
29 Apr 2018
Moeteledipele mo lephateng la thuto mo kgaolong ya Borwa, Rre Ndineni Mbuso a re lephata la gagwe le tshwenngwa ke kwelo tlase ya maduo a sekole se sebotlana sa ga Segwagwa.
Rre Mbuso a re seo se ne sa ba gwetlha go tsaya matsapa a go ya go tlhola morafe le batsadi ba bana kwa ga Segwagwa.
O buile se jaaka lephata la gagwe le ne le abela ba-na-le bogole le batlhoki ba motse oo melora le diaparo le go thusa go phepafatsa tikologo ya bone bosheng.
O ne a tlhalosa gore ka thulaganyo eo, ba tlaa bona sebaka sa go ikamanya le morafe go utlwa gore matsapa di a tsaya kae ka maduo a a bokoa a sekole sa bone.
Rre Mbuso o ne a supa gore go botlhokwa gore botlhe ba ba maleba ba nne le seabe mo go tlhomamiseng gore seemo sa thuto se a tokafadiwa.
O ne a rotloetsa morafe gore ba phuthologe ba tseisanye dikgang le bone go tle go nne motlhofo go bona tharabololo go ya pele.
Fa a tswa la gagwe, mogolwane wa thuto mo lephateng leo, Rre Segale Mongale o ne a supa gore maikaelelo a lephata la gagwe ke go tlhomamisa gore maduo a dikole a a nametsa.
A re maikaelelo a letsatsi leo e ne e le gore batsadi ba itsane le bodiredi ba bo ba dumalane ba loge maano a go fenya dikgwetlho tsotlhe tse di ba aparetseng.
Rre Mongale a re go botlhokwa gore lephata le ikamanye le morafe gore ba kgone go tokafatsa maduo.
O ne a tlhalosa gore go phepafatsa motse le morafe ke go sega tema mo go tsheleng sentle ba tshelela mo bophepeng.
A re badiri ba lephata ba ne ba kgobokanya lemmenyana le ka lone ba neng ba kgona go reka melora le diaparo tse ba neng ba di aba.
A re dingwe tsa diaparo e ne e le tse badiri ba neng ba di aba ka lorato ba bona ba sa tlhole ba na le tirirso ya tsone.
Mothusa kgosi wa motse, Rre Lesedi Piet o ne a re go maleba gore maphata a akaretsa a botsogo le a mangwe, jaaka la Thuto, le one a ikamanye le morafe ka e le selo se se molemo thata.
O ne a leboga se a bonang se direlwa morafe wa gagwe, a bo a tlatsa ka go re ‘go sego letsogo lele abang go na le le le amogelang.’ BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tlamelo Kgelepo
Location : GASEGWAGWA
Event : Kabo Ya Dimpho
Date : 29 Apr 2018






