Mapodisi a tshwere mmelaelwa ka dipodi
29 Apr 2018
Mapodisi a Letlhakeng a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone ba tshwereng mmelaelwa ka dipodi tse di fetang masome a mane tse ba belaelang e le tsa bogodu.
Mo potsolotsong le BOPA, mogolwane wa mapodisi a Letlhakeng, Superintendent Daniel Katse, o tlhalositse fa babelaelwa ba ne ba le bane ka palo, mme ba le bararo ba ne ba inaya naga fa ba bona mapodisi.
O tlhalositse fa dipodi di le masome a mararo le borobabobedi di setse di bone beng, fa di le lesome le bobedi di ise di bone beng.
Ka jalo, o ne a ikuela mo baruing go ikopanya le mapodisi a Letlhakeng fa ba timeletswe ke dipodi.
Supt. Katse o tlhalositse gore ba belaela fa dipodi di ka tswa di tswa kwa kgaolong ya ga Ngwaketse bophirima kana Kweneng bophirima.
O boletse gape fa mo go tsone, dipodi di le tharo di le dinaana, di le tharo di le ditshwaana gape di le tlhogo khibidu, fa e le nngwefela mo go tsone e rwele tloloko e e mogala mohibidu, mme tsotlhe di tshwailwe letsekana mo ditsebeng tsotlhe.
O ne a tswelela a tlhalosa fa podi e nngwe e tshwaana e le tlhogo ntsho, e nngwe e le khunwana tshunyana, mme tsotlhe di tshwailwe letsekana mo ditsebeng tsotlhe.
Supt. Katse o tlholositse fa podi e nngwe e le tlhogo khibidu, e nngwe e le khunwana e e senang dinaka, e nngwe e le khunou e sena dinaka le phoko e nala, tsotlhe di tshwailwe letsekana mo ditsebeng tsotlhe.
O kopile barui go tlhola leruo la bone kgapetsakgapetsa, le go dirisana le badisa sentle, a bo a ba kopa gape gore fa ba bona motho a pega leruo mo koloing mme ba mmelaela, ba begele mapodisi ka bofefo jo bo kgonagalang.
O tlhalositse fa leruo le utswiwa thata mo kgaolong ya gagwe, mme se se utlwisang botlhoko ke gore barui ba tlhola leruo la bone morago ga lobaka. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Puseletso Kenyaditswe
Location : LETLHAKENG
Event : Potsolotso
Date : 29 Apr 2018






