Breaking News

Thuto go tswa kwa moding e botlhokwa

29 Apr 2018

Go tsamaisa bana ba dingwaga tse di kwa tlase tonto tshipidi ka go ba tlwaetsa tikologo ya sekole go tlhalosiwa e le selo se se botlhokwa thata go neela bana motheo wa thuto.

Komiti ya ditlhabololo kwa motseng wa Mahalapye ya DIMAWE e e akaretsang dikgotlana tsa Dilaene 1 le Mahalapye West e bonye go le botlhokwa go nna le seabe mo thutong ka go simolodisa sekole sa bokgwamashi.

Mo potsolotsong le BOPA bosheng, modulasetilo wa komiti, Rre Tebogo Baatshwana a re sekole seo sa leina la Mompati se simolodisitswe ka 2012 ka baithuti ba le lesome le botlhano.  

A re sekole sa Mompati se itiretse leina ka go alosa baithuti ba ba nang le boleng, ka jalo ba tsweletse ka go amogela dipalo tse di kwa godimo tsa baithuti ba tonto tshipidi.

Rre Baatshwana o supile gore lenaneo la bone la go tsamaisa bana tonto tshipidi ka maikaelelo a go ba suga ditlhaloganyo pele ba simolola mophato wa ntlha le tsweletse sentle.

A re le fa go ka tswa go na le dikgwetlho ga ba na kakanyo ya go boela morago maikaelelo a bone a go baakanyetsa bana isago ba sale babotlana.

A re dipalo tse di kwa godimo tsa bana ba ba amogelwang kwa sekoleng sa bananyana sa Mompati di papamatsa fa e le ruri sekole seo se na le boleng.

Le fa go ntse jalo, Rre Baatshwana o supile fa tlhaelo ya madi e le sekgoreletsi se setona mo maikaelelong a bone a go fa bana thuto.

A re ba tlaa tswelela ba kokota dikgoro tsa dikompone ka go farologana le morafe ka kakaretso ba kopa dithuso ka go farologana gore ba kgone go diragatsa tiro ya bone.

O supa gore thotoetso e e nametsang pelo e ba kileng ba e fiwa ke ya P25 000 a tswa kwa khanseleng gore sekole se kgone go bona ditlamelo tse di tlhokwang ke bananyana.

O supa gore dikompone tse di ikemetseng jaaka banka ya Barclays ga ba ipone tsapa go thusa sekole ka dimpho tsa go leboga dialogane kwa meletlong o o tshwarwang kwa bofelong jwa ngwaga.

Rre Baatshwana a re bodiredi jwa khansele ba kgona go thusa ka go dira ka diatla, a re seo ke go supa lorato le go rotloetsa tiro ya bone.

Rre Baatshwana o kaile gore sekole se se tsenwa ke bana ba ba tswang mo malwapeng a a farologanyeng ka itsholelo, ka jalo a supa gore batsadi bangwe le fa ba eletsa gore bana ba bone ba ithute ba sale kwa tlase ba imelwa ke go ntsha lemmenyana le ba le lopiwang ka mabaka a a farologanyeng.  

Le fa go ntse jalo, Rre Baatshwana a re maikaelelo a sekole sa Mompati ke go baakanyetsa bana isago ka go ba neela se se ba tshwanetseng, ka jalo ba letlelela ngwana go ka tswelela le sekole mme motsadi a duele madi a melatsa ka thulaganyo e e faphegileng a dirile tumalano le sekole.

Rre Baatshwana a re komiti ya ditlhabololo e tlaa tswelela e dira gotlhe mo e ka go kgonang gore sekole sa Mompati se ntshe maduo a a nametsang.

O supa gore keletso ya bone ke go nonotsha dithuto kwa sekoleng seo ka go tsenya tsa metshameko, mo go ka godisang ditlhaloganyo tsa bana.

A re go ruta bana go dirisa dibala-makgolo ka dingwaga tsa bonyana go ka nna botlhokwa thata ka gore lefatshe le tsamaisiwa ka tiriso ya didirisiwa tsa maranyane.

Rre Baatshwana a re sekole sa Mompati se tsamaisiwa ke barutabana ba ba rutetsweng tiro ya go kaela bananyana tsela.

O supile gore bangwe ba bone ba dira e le baithaopi.

Rre Baatshwana o supa botlhokwa jwa gore morafe o eme nokeng tse di dirwang ke komiti ya VDC, a tlatsa ka go re ba thuse go lwantsha borukuthi ka gore ke sengwe sa dilo tse di busetsang sekole kwa morago.

Mme Bareng Raphane wa komiti ya Mahalapye Central a re maikaelelo a komiti ya ditlhabololo tiro ya bone ga se go aga dikago fela jaaka matlo a a hirisiwang, a supa fa tlhabololo ya go bopa motho a sale mmotlana e le botlhokwa.

Mme Raphane o gateletse gore sekole sa bananyana sa Mompati ke sengwe sa tse di nang le seabe se setona mo go tlhabololeng mhama wa thuto.

O supile gore sekole seo ke nngwe ya ditiro tse di dirilweng ke VDC tse di nang le katlego e kgolo.

A re go tsamaisa sekole sa bananyana ke thuto mo setshabeng ka kakaretso ka gore ba tlaa lemoga fa komiti ya ditlhabololo e eteletse ditiro tsotlhe tse di tlhabololang motse le go aga motho mo mabakeng otlhe a botshelo. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Gaotlhobogwe Orefile

Location : Mahalapye

Event : Potsolotso

Date : 29 Apr 2018