Breaking News

Kgosi o tshwenngwa ka ikgatholoso tikologo

29 Apr 2018

Ngwaga wa 2018 o kaiwa o tlaa nna ngwaga o o tlaa imololang ba le bantsi letlhoko, ka ntlha ya dipula tse di matsorotsoro tse di dikileng di nele.

Motse wa Goshwe o ne wa iphitlhela o neilwe ditshegofatso tsa tlholego, ka seboko sa phane se se neng sa ngoka ba le bantsi go tswa mafelong a tshwana le dikgaolo tsa Tswapong le a mangwe ka go farologana ba tla go bapala phane.

Phane ka tlholego e nna mo setlhareng sa Mophane, se dikile se kuetswe ka se ne se le se ntsi go na le dingwaga tse di fa moragonyana.

Mo potsolosong le BOPA, Kgosi Bazibisi Modise wa Goshwe, o ne a re ka fa phane e ratileng motse wa Goshwe ka teng mono ngwaga go a itumedisa.

O ne a re mme dintlenyane tsa phane e ntsintsi di goroga ka dibelebejane.

Kgosi a re go tshwarwa ga phane go ngokile merafe go tswa khutlong tse nne tsa Botswana.

A re seo se sentle ka Botswana e le lefatshe le le tlotlileng bojammogo le lorato.

Kgosi o ne a re le ntswa ba ba tsileng go bapala phane ba na le tetla, seo ga se a ba thibela go ikgatholosa tlhokomelo ya tikologo.

O ne a ntsha ngongorego ka go re matshwititshwi a a mo motseng, a lebala gore jaanong yone tikologo e ba sa e tlhokomeleng ke yone e kamoso e tsogang e ba belege gape ka tsa tlholego.

Kgosi a re o buisiwa se ke gore gone kwa mafelong a go bapalwang Phane kwa go one  kgotsa kwa batho ba thibeletseng teng, ke gone kwa banni ba motse ba tlhokomelelang leruo la bone teng.

A re le fa batho ba tshologetse go tla go bapala phane, bangwe ba tla ba sena tsone ditsompelo tse di ka ba tshetsang ka nakwana le go bipa tse tse di ka ba tlontlololang.

A re letlhoko la dingwe di tshwana le matlwana a boitiketso di patika gore jaanong batho ba ithomele mo lefelong lone leo.

O ne a tlatsa ka go re bangwe ba tsile le masea a jaanong mo pakeng ya gompieno ba sa dirising metseto ya bogologlo ba dirisa e e latlhwang.

Kgosi a re jaanong seo se baya leruo ka fa mosing ka jaanong tikologo e kgotlelesega ka go latlhelwa matlakala gongwe le gongwe.

Go sale foo, kgosi a re go kgotlelesega ga tikologo ga se gone fela mo go mo tlhorisang boroko.

A re fa batho ba kgobokaneng teng ga se ka nako tsotlhe mo ba tlaa iphitlhelang ba dumalana ka sengwe le sengwe.

Kgosi a re go makgetho a le mmalwa jaanong dipego tse di sa jeseng di welang jaaka tsa gore bangwe ba a lwa, mme dikgang tse di rothegela mo lekgotleng.

A re bangwe ba tsaya ditshwetso tsa go kgaola ditlhare fa ba ka itemogela gore setlhare se na le phane e ntsi mme seo se ame palo ya ditlhare ka jaanong e fokotsega.

A re mme gape ba bapala phane e sa ntse e le nnye.

A re go ne go ka nna gontle fa batho ba ne ba tlogela e nngwe gore e sale e dira peo e e tlaa bapalwang fa ngwaga o ya fifing.

O ne a gakolola gore tikologo ke yone pelo ya botshelo ka e thusa ka dilo di le dintsi jaaka tsa temo, go fudisa le go beela dingwe tsa ditso. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Setshege Muzila

Location : GOSHWE

Event : Potsolotso

Date : 29 Apr 2018