Breaking News

Molaodi o gakolola banni go loga maano a go dirisa bojanala

29 Apr 2018

Molaodi wa Bokone Bophirima, Rre Keolopile Leipego a re go botlhokwa gore ba bogosi le boeteledipele jwa kgaolo eo ba kopanye ditlhogo go tswa ka methale ya go anywa meamuso e e humilweng ke kgaolo ya bone.

Rre Leipego o buile jalo mo phuthegong e e neng e buisiwa ke bogosi jwa goo-Tawana mo Maun bosheng.

A re go botlhokwa gore go nne le bokopano jwa boeteledipele le morafe ka go thusana ka megopolo e e ka dirang gore dikhumo tsa kgaolo ya bone di nne le mosola.

Ka jalo, Rre Leipego a re bone e le boeteledipele jwa kgaolo ba ipaakantse go ka ba ema nokeng.

Rre Leipego o ne gape a lebogela Tautona Mokgweestsi Masisi go tsaya ka tlhoafalo kgang ya gore dikhumo tsa lefatshe di boele mo go beng-gae.

Fa a akgela mo kgannyeng ya letsatsi leo, Rre Leipego o ne a re go a tshwanela gore e le ba bogosi jwa goo-Tawana ba bo ba biditse phuthego eo e e neng e bua ka Moremi Game Reserve le go latlhegelwa ke tiro ga badiri bangwe ba maloko a lekgotla la kabo ditsha la Tawana, a re seo ke gore go seka ga nna le tlhakatlhakano mo motseng.

Mme fela, Rre Leipego o ne a re go na le melao e e itsiweng e ba ba amegileng ba ka e salang morago le go isa boikuelo ka tsela e e tshwanetseng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kedirebofe Pelontle

Location : MAUN

Event : Phuthego

Date : 29 Apr 2018