Breaking News

Gaonne o ithaopela go thusa baithuti

29 Apr 2018

Rre Toro Gaonne, yo e leng moithaopi, a re go botlhokwa go thusa puso mo go tsa thuto ka gore ka boesi ga e kake ya kgona go tlhabolola lefatshe lotlhe.

A re puso e rotloetsa bagwebi le ba-na-le seabe mo go thuseng mo kgodisong le tlhabololo ya thuto.

Maikaelelo a go ngokela bagwebi le baithaopi mo go pataganeleng thuto le kgodiso ya ngwana, ke go imolola puso morwalo wa go dirisa madi a mantsi mo thutong ntswa go na le dikompone le batho ba itsholeleo ya bone e ka ba letlang go tsenya letsogo.

Rre Gaonne, yo o tlholegang kwa Lesenepole mo kgaolong ya Tswapong, o supile fa a le moono le puso ka go otlolola letsogo le go ithaopela go thuso dikole.

Rre Gaonne, yo jaanong e leng monni wa Palapye, a re goora motho go thebe phatshwa, a bua jalo ka go ithaopela go thusa dikole tse dipotlana tsa Lesenepole, Mapulane kwa Moremi ga mmogo le se segolwane sa Bakgopeng gone kwa Lesenepole.

O tlhalositse gore go tswa ka 2005 go fitlhelela gompieno, o ntse a rotloetsa baithuti ka go farologana go ya ka fa ba dirileng ka teng kwa dikoleng tse dipotlana le se segolwane, mme mo dithusong tseo o setse a dirisitse go feta P8 000.  

Rre Gaonne a re ka ngwaga o o dirisitse P650 go mo abela  bana ba ba dirileng sentle mo dithutong, ka go tlhopha ngwana a le mongwe yo o gaisitseng botlhe a mo neela sengwenyana ka nako ya meletlo ya kabo dimpho.

“Go tswa mo dingwageng tse di lesome le boraro tse di fetileng go fitlhelea gompieno, bana ba le masome mararo le bosupa ba akotse lenaneo le, ka madi a a ka tshwarang P8425. Maikaelelo ke go bona bana ba na le kgatlhego mo thutong le go tsaya dithuto ka tlhoafalo, ka e le bone ba ka tlhabololang lefatshe leno ka go tlhama ditiro, go ntsha puso mo manokonokong a letlhoko la ditiro le le apesitseng lefatshe leno kobo ka letshoba."

Mo dinakong tse dingwe, o tlhalositse fa a tle e re fa a laleditswe mo medirong ya dikole a abe madi go thusa mo medirong e tshwana le ya kabo dimpho le letsatsi la ngwana wa moAferika go ruta le go kgothatsa bana.

“Barutabana, batsadi, baithuti ga mmogo le banni ba metse eo, ba supile fa tirisano mmogo ya bone le ene e le e ntle fela thata, ka a dirile gore go nne le dikgaisano tse di mashetla mo dithutong tsa bana mongwe le mongwe e le yo o batlang go ipona a abelwa madi a a neelwang yo o gaisitseng."

Moithaopi yoo o tswa kgakala le tiro eo, jaaka a ne a tsenya letsogo le mo kagong ya leobo la kgotla ya Lesenepole kwa a neng a aba P2 000 le mo kagong ya kereke ya Faith Gospel After Church ba a neng a ba abela P1 000 a ikaegile ka letshego la tebelopele ya 2036 le le buang ka tlhabololo matshelo a batho.

Rre Gaonne ga a felele foo, o tsweletse ka go aba masingwana a merogo go thusa balwetse ba ba okelwang kwa malapeng.

O bonala gape mo go thuseng mo kagong ya matlo a lenaneo la ga Tautona wa pele.  

O tlhamila setlhopha sa kgwele ya dinao, maikaelelo e le go batlela batshameki mafulo a matalana kwa ditlhopheng tse di duelang botoka. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kealogile Diloro

Location : LESENEPOLE

Event : Potsolotso

Date : 29 Apr 2018