Kokobelang maikutlo banni ba Makopong - Moitoi
26 Apr 2018
Tona wa dikgaolo le tlhabololo magae, Mme Pelonomi Venson-Moitoi o kopile banni ba Makopong go kokobela maikutlo mme ba inele puso diatla metsing mabapi le dikgang tsa bogosi jwa bone.
O buile mafoko a mo phuthegong ya kgotla kwa motseng oo mo leetong la gagwe la go lekodisa banni ba ka kgang eo.
Bangwe ba dumela gore bogosi jwa motse oo ke jwa ditlhopho mme bangwe ba re bo a tsalelwa.
Tona o boleletse morafe gore ba seka ba ne ba reetsa dikgang tse di senang boammaruri ka metswedi mengwe ya dikgang ka jaana di ka tloga tsa ba kgaoganya.
Mme Venson-Moitoi o tlhalositse gore fela jaaka merafe e mengwe ya lehatshe leno, le bone ba na le tshwanelo ya go tshela ka boitumelo.
Tona o tlhalositse gore go ya ka dibuka tsa ditso, bogosi jwa motse oo ga se jwa ditlhopho mme motlhala wa ntlha wa ditlhopho o simolotse ka 1946 fa molaodi wa nako eo wa mosweu wa puso ya ga Mmamosadinyana a ne a sa utlwane le Kgosi Phologo wa nako eo.
A re le fa go ntse jalo, Kgosi Phologo o ne a fenya ditlhopho, mme ga nna fela jalo go fitlhelela ka 1982 le go feta.
Tona a re baikuedi ba tshwanetse go itse gore ka ba ne ba ile kwa makgotleng a ditsheko, gone ga atlholwa puso e sa isa letlhakore la yone la gore ke eng ba dumela gore bogosi jwa motse oo ga se jwa ditlhopho.
O kopile maitshwarelo gore a bo go nnile le boitseme mo letlhakoreng la puso go isa kgang ya gore go tsile jang gore e nne e kare bogosi jwa motse oo ke jwa ditlhopho mme go sa nna jalo.
A re ke ka moo a boetseng kwa go ba molao go ba botsa gore ba atlhotse jang kgang bosupi bo se mmogo, mme fa ba ka mo gana, o tlaa boa a tla go dira jaaka taelo ya kgotla ya ditsheko e bua.
Mme Venson-Moitoi a re puso e feletse e seega kgosi Vincent Phologo mo tirong ka jaana lekgotla le rile go tlhophiwe mme maikaelelo ke gore go nne fela jalo go fitlhelela kgang eo e fela, a tlatsa ka go re puso e tlaa nama e bone gore e dira jang gore tiro ya kgotla e seka ya ema fa kgang e ise e hele.
O supile gore go botlhokwa gore kgang eo e pataganelwe e buiwe ka mewa e e wetseng ka jaana e le kgang e tona.
E re le ntswa morafe o ne o sa dumalane ka bongwe fela jwa pelo, ba lebogetse tona gore a bo a bone nako ya go ba lekodisa mme ba supa fa ba na le tumelo ya go re go tlaa bonwa tharabololo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Aobakwe Molefhi
Location : MAKOPONG
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 26 Apr 2018






