Mokgatlho o ikaelela go tsosolosa tshomarelo tikologo
26 Apr 2018
Lekalana la Association of Environmental Clubs of Botswana le maikaelelo a lone e leng go rotloetsa tshomarelo ya matlotlo a tikologo go tswa kwa moding la re le ikaelela go tsosolosa mowa wa go somarela tikologo mo kgaolong ya Bokone Bophirima.
Se se builwe ke moeteledipele wa mokgatlho, Rre Sente Mosweu fa a buisa baeteledipele ba mokgatlho o mosha wa tshomarelo tikologo bosheng kwa Maun wa leina la Maun Wildlife and Environmental Conservation Society.
Rre Mosweu o supile fa kgaolo ya Bokone Bophirima e le nngwe ya tse di rweleng matlotlo a tikologo, ka jalo go le botlhokwa go nna le mokgatlho wa go nna jalo.
O supile fa banana e le bone ba ka lwantshang kgang ya phetogo ya loapi le tsotlhe tse di amang tikologo ka ba santse ba na le thata ya go fetola dilo.
O kopile banana go ikgolaganya le ba lephata la diphologolo kwa Maun go bona thuso e e botoka.
O tlhalositse fa go na le lekalana le le berekang le morafe mo lephateng le, le ka lone ba ka bonang thuso e e botoka go kgona maikaelelo a bone.
O supile fa ba lephata la diphologolo ba tlhoka baithaopi ba banana go ka kgona go ruta bana ba dikole le morafe ka kakaretso ka tshomarelo tikologo.
Are mokgatlho o na le banana ba dithutego tse di farologanyeng, ka jalo o tshepha fa ba tlaa bereka mmogo le go thulanya maboko go tsholetsa serodumo sa tshomarelo tikologo mo Botswana ka kakaretso.
O supa fa Association of Environmental Clubs of Botswana e tlaa ema banana nokeng ka ba e direla tiro ya go anamisa thuto ya tshomarelo tikologo mo dikgaolong tse ba sa kgoneng go fitlha kwa go tsone kgapetsakgapetsa.
A re ka go dira jalo ba tlaa nna ba ikgolaganya le bone go bona tswelelopelo ya bone le go thusa fa go tlhokegang teng ka tsotlhe tse ba ka di bonang. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Oratile Mothibedi
Location : MAUN
Event : potsolotso
Date : 26 Apr 2018






