Breaking News

Rre Tshokologo mo-na-le bogole yo o pelotlhomogi

26 Apr 2018

Rre Oganne Tshokologo (68) wa Palapye, ke mo-na-le bogole yo o itshetsa le ba lelwapa la gagwe ka go teratela masimo, dijarata le mabitla.

Rre Tshokologo, yo o senang leoto le lengwe, a re madi a a dirang ga a bontsi bope jo bo kalo mme o bone go tshwanela gore a batle mothale wa go thusa ba-na-le bogole ba bangwe mo kgaolong ya Palapye le mabapi.

A re ke ka moo a duleng ka mogopolo wa go rulaganya mogwanto o dipoelo tsa one di tlaa thusang bobedi jo a bo kgethileng e leng balwala tlhaloganyo ba ba dingwaga tse di fa gare ga masome a mabedi le masome a mabedi le botlhano.

Rre yo, yo e leng moeteledipele wa mokgatlho wa ba-na-le bogole kwa Palapye, a re o gwethilwe ke ka fa ba-na-le bogole bangwe, bogolo thata ba tlhaloganyo ba sotlegang ka teng.

“Go ngomola pelo gore bana ba ba Modimo ba bo ba sotlega mo go kanakana.

Bontsi jwa bone ba nna ba le makgasa, ba sasankega mo mebileng ba tshwerwe ke tlala,” Rre Tshokologo a tlhalosa.

A re se, se ne sa mo ama mme a ipotsa gore o ka dira eng go tokafatsa matshelo a bone mme a rulaganya mogwanto o o tlaa tshwarwang Seetebosigo a ya fifing go kokoanya madi go ba bathusa.

A re mogwanto o ka batsaya karolo e tlaabo e le ba-na-le bodole ba bangwe ba bone ba ka sekeng ba kgona go tsamaya sekgele se se leele, o tlaa simolola kwa mapalamelong a dibese mme o felele kwa kgotleng kgolo ya motse.

O kopile morafe go tshologela mogwanto o ka dipalo tse di kwa godimo go etleetsa ba-na-le bogole.

Rre Tshokologo, yo o nang le bana ba le lesome, a re o tsweletse ka go kopa dithuso gore tiro e e atlege.

Keletso a re ke go agela ba a setseng a ba kgethile matlo fa madi a ka lekana, kgotsa go ba rekela tse ba di tlhokang jaaka diaparo fa a se kalo.

Rre Tshokologo o rotloeditse ba-na-le bogole go ikemela ka dinao go itshetsa le go dirisa mananeo a puso, a re ga ba a tshwanela go nna fela ba re ba tlaa thusiwa ke mongwe.

A re ene le mohumagadi wa gagwe yo le ene a tshelang ka bogole, ga ba a nna fela ba a iphataphatela. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Bonte Seepi

Location : PALAPYE

Event : potsolotso

Date : 26 Apr 2018