Mme Stephans o itshetsa ka go rekisa bompopi
26 Apr 2018
Kwa Sehithwa, dikhilomithara di ka nna lekgolo kwa borwa bophirima jwa Maun mo kgaolong ya Ngami, go na le Mme Elena Kaepo Stephans yo a itemogetseng fa e le ruri metlhala ya khumo e le mentsi mme e tlhoka balati.
Mme Stephans ke mme wa Mombanderu, yo o itshetsang ka go rekisa bombopi ba setso sa ga gabo.
Mo potsolotsong le BOPA, Mme Stephans o tlhalosa jaana; “Bompopi ba ke ba dirang ba mefuta mebedi, go na le ba ba dirilweng ka matlalo le ba ba dirilweng ka matsela.”
Mme Stephans o tlhalosa gore ntswa bompopi ba a ba dirang ba sa tshwane ka modiro le ka kapari, botlhe ba supa diphetogo mo kaparing ya bone ya pele le ya gompieno, e e bonwang mo morafeng wa Ovambande le Baherero.
O tlhalositse fa mosepele wa gagwe wa go dira le go rekisa bompopi o simolotse ka 1996.
“E rile go goleng ga me, ke fitlhetse mme a dira le go rekisa bompopi ba setso,” a tlhalosa.
E re ntswa go ntse jalo, Mme Stephans o supa fa a ne a sena kgatlhego kgotsa keletso ya go tsaya malebela mo go se se neng se dirwa ke mmaagwe, selo se a se ikotlhaelang le gompieno.
E ne ya re morago ga go tlhokafalelwa ke mmaagwe ka 1996, mme Stephans a bona go le matshwanedi go gata mo dikgatong tsa motsadi wa gagwe, tsa go dira le go gweba ka bompopi ba setso.
“Loeto lwa me lwa go dira bompopi e ne e se lo lo bonolo.
Kgwetlho ya ntlha e ne e le ya go simolola go dira bompopi ba ba mo seemong e bile ba kgatlha leitlho la moreki.
Ke yone nako e ke ileng ka itemogela gore go dira bompopi go ne go se motlhofo jaaka ke ne ke akantse,” a rialo Mme Stephans.
Mme Stephans o ne a ikotlhaela go ithela moriti o tsididi mo go anyeng matsipa a go lomaganya mpopi o o mo seemong sa go ka rekisediwa moreki mo go mmaagwe.
Le fa go ntse jalo, a re o ne a seka a rwala matsogo mo tlhogong, kana a tlelwa ke mowa wa boitlhobogo.
Lenyora la go ipona a dira sengwe se se ka tsisang letseno la madi le go jesa ba lelwapa la gagwe, e ne ya nna seikokotlelo sa gagwe sa go netefatsa gore o diragatsa maikaelelo a gagwe.
“Morago ga go wa le go tsoga makgetho a le mmalwa, ke ne ka simolola go itemogela kgolo mo botsipeng jwa go dira tiro e, mme kgwebo ya simolola go dira sentle,” a tlhalosa.
Mme Stephans o tlhalositse gore mo dingwageng tse di fa moragonyana, kgwebo e ne e dira sentle, ka gore kwa ntleng ga batho ba ba neng ba reka ka bongwe ka bongwe, ba Nhabe Museum mo Maun le bone ba ne ba reka bompopi ka ditlhwatlhwa le ka dipalo tse di fa godimonyana.
O tlhalosa gore mo bogompienong theko e wetse tlase ka gore ba Nhabe Museum ba emisitse go reka mo go ene, se se rayang gore go mo maruding a gagwe go rwala dithako go batla bareki mo a reng go ja madi le nako e ntsi.
Se Mme Stephans a leng motlotlo ka sone ke gore o setse a rutile ngwana wa gagwe wa mosetsana go dira bompopi ba setso.
Mme o gakolola batsadi gore ba tshwanelwa ke go ruta bana maele a botshelo nako e santse e le teng gore e re motlhang ba hularang bana ba seka ba sala e le makgoba a ba bangwe ka ntlha ya go tlhoka go itirela ka diatla.
Keletso ya ga Mme Stephans ke go batla methale e mesha ya go dira bompopi ba bangwe gore ba ngoke bareki ba basha.
Se sengwe gape se a se eletsang ke tshwaragano le tirisano mmogo ya bagwebi ba babotlana le ba ba setseng ba dira sentle mo dikgwebong. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Charles Kakomee
Location : SEHITHWA
Event : potsolotso
Date : 26 Apr 2018






