Louw o bone botshelo mo tlhaping
26 Apr 2018
Monana mongwe mo toropong ya Francistown, Mme Patience Louw ga a ipone tsapa go tsoga moso le moso a apaya ditlhapi go di rekisa, e le tsela nngwe e ka yone a itlhophetseng go iphataphatele mo botshelong.
Mme Louw yo o dingwaga tse di lesome le borobabongwe, mme a tlholega kwa Tutume, o boleletse BOPA mo potsolotsong gore e sale a wetsa dithuto tsa gagwe tsa lokwalo lwa botlhano wa 2016, mme ka go tlhoka lesego a seka a dira sentle mo ditlhatlhobong.
Go tlhoka go dira sentle mo, ga raya gore o retelelwa ke go tswelela le dithuto, mme a nna fela mo lwapeng a sa dire sepe sa botshelo.
“Go nna fela mo lwapeng ke sa dire sepe go ne ga mpuisa ka pelo, gape go ketefalela le ene mme yo ke neng ke ikaegile ka ene go ntlamela le nnake ka tse re di tlhokang mo lwapeng,” a bua jalo.
Morago ga kutlobotlhoko e e kalo, o ne a gwetlhega gore a itshimololele kgwebo e ka yone a ka kgonang go dira letseno go inonotsha mo itsholelong.
Mme Louw o tlhalosa gore e re le ntswa dikakanyo tsa gagwe tsa kgwebo di ne tsa nna mafaratlhatlha, o feletse a tsaya tshwetso gore a itshimololele kgwebo ya go apaya tlhapi, a bo a e rekisa kwa marekisetsong le mapalamelo a dipalamo tsa setshaba.
“Gore ke felele ke ikanya go gweba ka tlhapi ke ne ke lemogile gore batho ka bontsi ba rata tlhapi, sebe sa phiri ke gore ga ba itse ka fa e apewang ka teng.”
O ne a supa fa ene a ne a na le bokgeleke jwa go e apaya ka botswapelo, ka jaana a bo kwatabolotse mo go mme mmaagwe fa a ne a apaya mo lwapeng.
Mme Louw a re o reka tlhapi kwa batshwaring ba ditlhapi kwa tamong ya Letsibogo kwa Mmadinare, mme fa a sa le a tsena mo kgwebong e ngogola ka Tlhakole, e tsweletse ka go mo fa dipoelo.
A re o kgona go itlamela ka tse a di tlhokang ga mmogo le ba lelwapa la gagwe, mme o boletse gape fa a simolotse go ikokotleletsa dipoelo tse a di boneng, go tla go di dirisa go ithusa go ka tsweledisa dithuto tsa gagwe.
E rile fa a itebaganya le banana ka ene, Mme Louw a ba kgothatsa go kgaphela kwa thoko mowa wa boitseme ga mmogo le wa go ikaega ka batho ba bangwe go ba direla bokamoso.
Mme Louw o gakolotse banana gape gore ba seka ba adima tshwene marapo ba dira letlhoko la ditiro e le seipato go ka tswelela mo botshelong.
A re o na le tumelo ee tletseng gore methale ya itshetso e mentsi e tlhoka ditlhaloganyo tsa bone banana go ka e etela, mme o gateletse fa mphampha e lapisa motho a kgonwa ke sesagagwe.
O bile a lemotsha banana ka ene gore selo sa botlhokwa mo mererong ya tsa kgwebo ke go nna le lenyora la go tswelela, go nna pelotelele, boineelo ga mmogo le go dira ka botswapelo.
A re tse tsotlhe di ka thusa gore kgwebo e itshetlele go sa kgathalesege gore dikgwetlho tse di ka tlhagogang mo tsamaong ya nako ke dife. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kebatsaletse Ongadile
Location : FRANCISTOWN
Event : potsolotso
Date : 26 Apr 2018






