Breaking News

Mokhanselara Makgetho wa Ramokgwebana o Tlhokafetse

25 Apr 2018

Mokhanselara Phikisani Alfred Makgetho wa kgaolwana ya botlhophi ya Ramokgwebana o tlhokafetse.

Rre Makgetho o tlhophilwe mokhanselara ka ditlhopho tsa 2014 a emetse phathi ya Botswana Democratic Party.

Mo potsolotsong le lekalana la dikgang la BOPA, moemedi wa ba lelwapa, Mme Gertrude Makgetho o tlhalositse fa Rre Makgetho a tlhokafaletse ko sepatela se segolwane sa

Nyangabwe, kgwedi ya Moranang e tlhola malatsi a lesome le boferabongwe.

Mme Makgetho o boletse fa Rre Makgetho a lwetse lobakanyana mo a neng a robadiwa kgwedi go fitlhela a tlogela lefatshe le le ka kwano.

Mme Makgetho o tlhalositse fa phitlho e tla a tshwarwa ka matlhatso, kgwedi eno e tlhola malatsi a masome mabedi le boferabongwe (April 28) ko motseng wa Ramokgwebana.

Rre Makgetho o tlogela mosadi le bana ba le bane. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Portia Ikgopoleng

Location : RAMOKGWEBANA

Event : potsolotso

Date : 25 Apr 2018