Banni ba ipela le mopalamente
25 Apr 2018
Banni ba Motokwe mo kgaolong ya botlhophi ya Takatokwane ba akgoletse mopalamente wa kgaolo ya bone, Rre Ngaka Ngaka go bo a tlhatlositswe maemo go nna tona ya puso.
E rile ba bua kwa phuthegong ya kgotla e e neng e buisiswa ke Rre Ngaka kwa motseng oo ka Labobedi, Kgosi Aobakwe Molaole a supa fa kgato eo, e raya go le gontsi mo kgaolong ya bone ka jaana e supile fa Tautona Mokgweetsi Masisi a na le tshepo e ntsi mo mopalamenteng wa bone.
A re ke tsholofelo ya bone gore jaanong seo setla tsisa tse dintsi tse di siameng mo kagolong.
Mongwe wa dibui, Mme Beauty Bogale yo e bileng e le mokhanselara wa kgaolo ya Motokwe-Tsetseng, le ene o ne a supa fa ba itumetse e le banni ba kgaolo, a re go supa fa ba ne ba tlhophile moemedi wa popota yo o kgonang go tshephiwa ka ditiro tse dingwe tsa puso.
O ne a supa fa ba sena pelaelo epe ya gore Re Ngaka o tlaa kgona thomo e a e romilweng ke Tautona ka jaana ba itse bokgoni jwa gagwe.
Mme Bogale o ne gape a supa fa e le tsholofelo ya bone gore seo e tlaa nna kgothatso mo bananeng ba kgaolo gore kgaolo ya bone e na le bokgoni jwa go ntsha baemedi ba popota fela jaaka dikgalo tse dingwe mo lefatheng.
Mo go tse dingwe, Kgosi Molaole o ne a tlhalosetsa Rre Ngaka fa ba santse ba lebile tsela ka dingwe ditiro tsa ditlhabololo tse ba saleng ba di kopile di tshwana le diofisi tsa mapodisi ga mmogo le kgodiso ya kokelwana ya motse.
Mothusa modulasetilo wa lekgotla la tlhabololo ya motse Mme Jane Kelebeng le ene o ne a supa fa ba nyoretswe ditlhabololo mme a supa gape fa a lebogela go teratelelwa ga lefuti la matlakala la motse oo, a re se, se tlaa tokafatsa bophepa mo motseng.
Le fa go ntse jalo, o ne a kopa gore tsela e e yang kwa lefuting leo e tshelwe lekgarapana ka jaana e le motlhaba mme e imela dikoloi.
Mme Kelebeng o ne gape a lebogela matlo a boroko jwa badiredi a matlhano a a agwang mo motseng wa bone, mme a kopa gore diphatlha tsa Ipelegeng mo motseng wa bone di okediwe ka jaana banni ba tshelela mo lehumeng.
E rile a tsibogela dikopo tsa banni, Rre Ngaka o ne a supa fa diofisi tsa sepodisi di tlhokega mo motseng oo, mme a ba kopa go nna pelotelele ka jaana ditlhabololo tsa puso di kgona go tsaya sebaka go diragadiwa.
Mokwaledi wa khansele-potlana ya Letlhakeng, Rre Nigel Mangoye ene o ne a supa fa ba tlaa sekaseka go tshela tsela e e kopilweng lekgarapana, mme a supa fa tiro ya teng e ka diega fela fa e le gore e ne e se mo lenanenog.
Rre Ngaka o ne a buisa phuthego ya kgotla go lekodisa banni ka ditiro tsa lephata la gagwe ga mmogo le go isa dimpho tse di neng tsa kopiwa ke kgosi wa pele wa motse oo, Kgosi Olebogeng Puleng mo go Tautona wa pele Lt. Gen Dr Seretse Khama Ian Khama fa a ne a laela bosheng kwa Takatokwane. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Olekantse Sennamose
Location : MOTOKWE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 25 Apr 2018






