Breaking News

Ofisi ya banana e tlhalosa lenaneo la YDF

25 Apr 2018

Mme Boifang Mogomotsi wa ofisi ya banana mo Mochudi o tlhalositse fa ba le mo letsholong la go ikopanya le go rutuntsha banana ka lenaneno la Youth Develoment Fund (YDF) le go ba thusa ka tsamaiso ya boikopedi.

Mme Mogomotsi o buile se fa a buisa banana ba kgotla ya Mabodisa bosheng mo Mochudi kwa a neng a tlhalosa fa ofisi ya gagwe e tlaa bo e simolola go tsaya difomo tsa boikopedi jwa go thusiwa ka madi go simolola Motsheganong a tlhola malatsi a mabedi.

O ne a gwetlha banana go nna pelotelele fa ba tsenya dikopo, a tlatsa ka go re go botlhokwa go reetsa dikgakololo le megopolo ya badiri ba lephata la banana. A re go dira jalo go ba tlhofofaletsa tiro le go tla ka megopolo e e nonofetseng go ka simolola le go godisa dikgwebo tse di ka isang baikopedi kgakala.

A re banana ba tswe ka megopolo e e farologaneng le go tsenya dikopo tsa dikgwebo tse di sa tshwaneng.

O ne a re mo kgaolong ya Kgatleng, banana ba tumile ka go tsaya lenaneo la dihutshane le dikgomo, selo se a rileng e ka nna kgwetlho mo isagong ya dikgwebo tsa bone.

Mme Mogomotsi o ne a tshwaela fa lenaneo la YDF le thusa gape banana ba ba eletsang go godisa dikgwebo tsa bone, le banana ba ba sa berekeng gotlhelele, kana ba ba amogelang madi a a kwa tlase ga P2 500 mme a re bao ba tlamega go tlogela tiro fa ba sena go simolola dikgwebo.

A re banana ba ba berekang tirelo setshaba le Ipelegeneg le bone ba ka tsaya lenaneo gammogo le banana ba ba sa tseneng sekole gotlhelele.

O ne gape a gatelela fa lenaneo e le la Batswana fela. A re ga le a tshwanelwa go tshwaraganelwa le batswakwa. A re banana ba ba tsayang dithuso tsa YDF e le ditlhopha ba emise go dirisa ba bangwe ba sa itse sepe ka kgwebo ka jaana ba ba tsenya mo molatong.

“Banana ba bangwe ba na le go ipopa ditlhopha ba dirisa  maina a bontsalae a sa ba tlhalosetsa ka botlalo mme e re kwa morago ba seke ba buse madi, selo seo ke go golega ba bangwe e bile go tshwanetse go ema.

Ikopanyeng le balekane ba lona e le batho ba ba nang le dikitso tse di farologaneng o seka wa tlatsa palo fela ka losika,” Mme Mogomotsi a tlhalosa. O ne a tlhalosa fa ba simolola go thusa banana ba ditlhopha ka P500 go fitlha ka P450 000 fa monana yo o esi mo kgwebong ene a ka thusiwa ka P500 go tsena P100 000.

O ne a gwetlha banana go ikopanya le ba LEA ba a rileng ba bereka le bone gape e le lekalana le le itebagantseng le go thusa bagwebi ba babotlana ka go ba tlhatlhelela le gone go tlatsa difomo tsa ikopelo.

“Re itemogetse gore monana fa o mmusa o re a ye go baakanya o a ngala mme kana fa re go busa re a bo re sa re o paletswe.

Seo se raya gore o ye go baakanya fa re tshwaileng diphoso teng; re boa gape re go fa mabaka a gore ke eng o sa atlega.

Seo se raya gore o le monana o tsee maikarabelo a go boela kwa go rona kana o ikopanye le makalana a a ka go thusang gore o felele o atlegile.”

O ne gape a gwetlha banana go netefatsa gore ba busa sephatlo sa madi a ba thusiwang ka one, a tshwaela fa ba itemogela kgwetlho e tona ya banana ba ba sa buseng madi ao.

A re monana o simolola go busa madi so simolola ka kgwedi ya borataro go filtha kwa go tse di masome mararo le borataro go lebilwe dipoelo tsa dikgwebo ka go farologana.

A re le fa kgwebo e ka wa kana ya seka ya atlega monana o tlamega go busa sephatlo sa madi a YDF ka a dirisiwa go thusa banana ba bangwe.

Mme Mogomotsi o ne gape a tlhalosa fa difomoo mo Kgatleng di tsewa kwa Mmathubudukwane, Artesia le Mochudi, gape a gakolola banana go dira dikgwebo tse ba itseng gore ba tlaa di kgona.

E rile a araba potso e e neng e bodiwa ke Mme Dorcus Rakgati ya go tlhoka lefatshe, Mme Mogomotsi a tlhalosa fa banana ba ka adima lefatshe kana ba batla lefatshe mme morago ba tsenye kopo ya lefatshe leo kwa go ba kabo ditsha.

O ne a re lefatshe le le itshenketsweng ke monana le ka tlhomamisiwa le go bewa semmuso mo dibekeng tse tharo.

Le fa go ntse jalo, o ne a tlhalosetsa banana fa lefatshe la go nna jalo le sa rekisiwe.

E rile a tswa a gagwe, mokhanselara wa kgaolo, Rre Fisher Palai a lebogela maiteko a go isa molaetsa le dithuto kwa bananeng ga ofisi ya bonana mo motseng.

Rre Palai o ne gape a rotloetsa banana go ipopa ditlhopha a re nako e sale teng gore banana ba simolole ba itshwaraganye le ba ba maleba go baakanyetsa go tsenya dikopo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kesego Ngwai

Location : MOCHUDI

Event : puisano le banana ko kgotleng

Date : 25 Apr 2018