Breaking News

Nata-Gweta o tshabelelwa ke dibetso tsa tlholego

24 Apr 2018

Puso e boletse fa  e ikaelela go akofela go rarabolola mathata a kgaolwana ya Nata/Gweta ka e tshabelelwa ke dibetso tsa tlholego.

Se se builwe ke tona wa lephata la merero ya ofisi ya ga Tautona, tsamaiso-puso le bodirelapuso, Rre Nonofo Molefhi yo o tlhalositseng fa go dirilwe tshutiso kwa palamenteng e e sa tswang go wela morago ga gore mopalamente wa kgaolo, Rre Polson Majaga a bee palamente mabaka pele.

Tona, yo o neng a patilwe ke ba ofisi ya dibetso tsa tlholego go lekola mafelo a a amegileng kwa Gweta bosheng, a re maikaelelo a loeto lwa gagwe ke go bona se se diragatseng le gore tsela pedi ba tsaya efe.

Morago ga moo Rre Molefhi a re ba tlaa bopa setlhopha sa baitseanape se se tlaa bong se akaretsa ba tsa kago, bakanoki ba lefatshe le dingaka go dira ditshekatsheko.

A re maduo a dipatlisiso ke one a tlaa dirisiwang go tla ka ditharabololo tsa nakwana le tsa sennelaruri go rarabolola mathata a dibetso tsa tlholego kwa Nata/Gweta.

A re bana le seabe ba ba maleba ba tlaa akarediwa go tirong e ya go dira ditshekatsheko go tla ka tharabololo e e tlaa thusang baagi ba mafelo ao.

Rre Molefhi o akgoletse banni go bo ba nnile le mowa wa tomagano le go thusana ka nako e ba neng ba raletse diemo tse di thata.

Se, a re ke mowa o montle o o supang fa Batswana ba tlhaloganya fa puso e ka se ke e kgone tsotlhe ntle ga gore Motswana mongwe le mongwe a ititee ka thupana go tsenya letsogo.

Fa a rolela tona pego, moeteledipele wa komiti ya dibetso tsa tlholego , Rre Kabelo Tshekiso o tlhalositse fa ngogola metsi a ne a itshekile ka fa letlhakoreng la motse, mme monongwaga metsi a pula a ne a dikaganyeditse motse, ka jalo go dira tiro ya go tlamela ba ba amegileng thata.

Rre Tshekiso a re malwapa a le masome mabedi le bone a ne a fudusediwa kwa lefelong le le babalesegileng la sekole sa ithutelo tiro ya diatla kwa ba neng ba fepiwa ka tsa botlhokwa go fitlhelela seemo se bepa.

O tsweletse a re matlo a le lesome le bosupa mo go a a masome a le marataro le bosupa a bodiredi jwa sepatela se sebotlana sa Gweta a ne a amilwe ke metsi mme ba tshwanelwa ke go fudusetsa badiri ba kwa dikamoreng dingwe tsa sepateleng tse di neng di se mo tirisong.

Mothusa mokwaledi wa kgaolo potlana ya Tutume e bile e le leloko la komiti ya kgaolo ya dibetso tsa tlholego, Rre Uyapo Mafunye o tlhalositse fa mo bathong ba le sekete makgolo a mabedi masome a robabobedi le bosupa ba ba neng ba amegile, ba le makgolo a matlhano le masome mabedi e ne e le bana ba ba dingwaga tse di fa gare ga botlhano le lesome le botlhano, ba le masome a roba bobedi le bosupa e le bagodi ba ba dingwaga tse di masome marataro go ya kwa godimo.

A re ba ikopantse le ba lephata la kabo ditsha gore batho bangwe ba fudusediwe kwa mafelong a a kwa godimo kwa metsi a sa eleleleng teng.

Tona Molefhi o ne a patilwe ke mothusi wa gagwe, Rre Machana Shamukuni le Rre Polson Majaga. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : BOPA

Location : GWETA

Event : loeto la tona

Date : 24 Apr 2018