Breaking News

Monana o ikaelela go fenya dikgwetlho

24 Apr 2018

E re ka Motswana a re phokoje yo o kwa morago dintsa di a bo di mmonye, monana wa Draaihoek, Rre Oteng Kgotshane ke mongwe wa ba ba neng ba ititaya ka thupana go tsaya mananeo a puso, a maikaelelo a one e leng go ntsha Batswana mo lehumeng.

Rre Kgotshane wa dingwaga tse di masome mararo le botlhano, o supile fa e rile puso e ntsha lenaneo la banana la Youth Development Fund (YDF), a seka a ipona tsapa ka a ne a nna le kgatlhego mme a inaakanya le lenaneo ka 2012.

A re e ne ya re Sedimontlhole a ya fifing, kopo ya gagwe ya atlega, mme a fiwa dikgomo di le 18, tse di namagadi di le lesome le bosupa le poo.

Rre Kgotshane a re ka 2013 o ne a seka a bona koketsego epe ya leruo, ka dikgomo tse a neng a di rekile e ne e le merobanyana, mme e ne e ise e lekane go gwelwa.

A re 2014 o ne a mo gorogela sentle ka pula, mme dikgomo di le pedi di ne tsa tsala.

O supile fa thuo e le monate thata, segolo jang fa motho a setse a aja madi a kgona go rekisa, a tlatsa ka go re sebe sa phiri fela e nna fa go tlhagoga dikgwetlho di tshwana le malwetse.

A re ka 2015 o ne kopana le dikgwetlho tse o neng a sa di ipaakanyetsa.

Rre Kgotshane o supile fa malwetse a leruo a tshwana le mokokomalo le dikgofa di ne tsa mmusetsa kwa morago.

O supile fa bogodu jwa leruo jo bo ileng magoletsa mo kgaolong ya bone e le nngwe ya dikgwetlho tse di ngomolang pelo ka jaana go na le batho ba maikaelelo a bone e leng go senyetsa setshaba.

O supile fa ngwaga ono a setse ka dikgomo di fera bongwe morago ga go rekisa di le pedi gore a tle a kgone go rekela tse dingwe dijo le melemo.

A re bolwetse jwa mokokomalo ke jone bo ba tlhokisang boroko mo thoteng ya bone, mme se se molemo ke gore morui o kgona go bo thibela, selo se a reng o ikaelela go se dira go ya pele.

Madi a mangwe a re o ya go a dirisa go duela sediba sa morafe le go reka leokwane gore a kgone go pompela dikgomo tsa gagwe.

Morui yoo a re ka bomadimabe o setse a latlhegetswe ke dikgomo tse tharo ka ntlha ya bolwetse jwa mokokomalo mme tse pedi di ne tsa utswiwa.

Rre Kgotshane o supile fa a rata kgomo thata le fa e batla gore motho a bo a ititeile sehuba ka jaana e batla tlhokomelo e e tseneletseng jaaka go disiwa gore magodu ba seka ba tloga ba e tsaya le go bolaya dikgofa.

O rotloeditse banana go nna le maitlamo le maikaelelo fa ba sena go fiwa mananeo gore ba kgone go fenya dikgwetlho tsotlhe tse ba ka rakanang le tsone mo dikgwebong tsa bone, ka jaana go sena sepe se ba ka se bonang motlhofo mo botshelong, a tlatsa ka go re dikgwetlho ke bontlha bongwe jwa botshelo.

“Mogologolo o e biditse leina a re ke modimo o o nko e metsi, ka e tlhoka ka tlhoka boroka, ka e rua le gone ka nna ka bo tlhoka fela,” ga wetsa jalo Rre Kgotshane. ENDS

Source : BOPA

Author : Moemedi Dikodi

Location : DRAIHOEK

Event : potsolotso

Date : 24 Apr 2018