Breaking News

Pule o tshela ka go betla logong

24 Apr 2018

Rre Nkomo Pule wa Gabane mo Kgotleng ya Rasoko o itshetsa ka go betla logong go inamola lehuma.

Rre Pule o itshetsa ka go betla ditilo tsa dikgole, a dirisa dikgong tsa ditlhare ka mefuta di tshwana le morolwana le mosalaosi.

O buile fa a simolotse tiro e ka 2013 morago ga go tlogela tiro mo lephateng la botsogo e le mokgweetsi.

Fa a bua mo potsolotsong le BOPA, Rre Pule o tlhalositse fa a ise a ye sekoleng sa go betla, mme a supa fa e le talente e a e filweng ke Modimo.

A re o simolotse a itirela fela mo lwapeng, mme morago a lemoga fa go betla ditilo go ka mo tlodisa dinoka di tletse, mme a tlhoafalela go betla a bo a rekisetsa banni ba Gabane.

Rre Pule, yo o dingwaga di masome marataro le bongwe, o tlhalositse gore mo tsamaong ya nako, o tla rekisetsa mafelo a mangwe.

A re mo nakong ya gompieno o direla mo lwapeng, mme o santse a emetse ba khansele go mo fa teseletso ya go nna le madirelo a gagwe, ka a bone lefelo le a ka direlang mo go lone.

Le fa Rre Pule a rekisetsa banni ba Gabane fela, o tlhalositse fa dipoelo e le tse di nametsang, ka lehuma e le selo sa maloba mo lelwapeng la gagwe.

O boletse fa a dirisa logong lwa morolwana ka gore lo thata, e bile gape ditilo tsa teng di tsaya dingwaga di sa senyege.

A re logong lwa morolwana ke makgonatsotlhe, ka gore lo a tlhamalala fa o betla ka lone e bile gape lo motlhofo go kgaogana.

‘Mathata a setlhare sa Morolwana ke gore ga se bonwe motlhofo, e bile ga se sentsi mo kgaolong ya rona.

Morolwana o rata go tlhoga mo malwapeng a batho, ga go motlhofo gore motho o ka o go fa,’ ga bua jalo Rre Pule.

O buile fa kgwebo ya gagwe e ralala dikgwetlho di le mmalwa, mme o leka ka bojotlhe go di lwantsha gore a e godise.

A re o direla kwa ntle, mme fa dipula di na le fa diphefo di tsubutla ke mathata gonne o emisa go dira, ka lorole lo tsena lotlhe mo matlhong, a bolelaa fa letlhoko la setlankana sa lefelo la madirelo a go betla le mmaya ka fa mosing.

‘Le fa dikgwetlho di le teng, ke tsile go lwantsha go fitlhelela toro ya me ya go nna le madirelo ame e diragala,’ga bua Rre Pule.

O rotloetsa Batswana go nna le mowa wa boipelego, ba sa lebe fela gore puso e ba thuse, a tlatsa ka gore puso e ka seke e kgone go thusa batho botlhe.

A re batho ba ba kgonang go dira ka diatla ba itirele gore puso e thuse ba ba sa kgoneng gotlhelele le ba ba kobo dikhutshwane.

O buile gore go itirela ka diatla go botoka, go na le go nna fela o tlhola o suta le meriti.

A re lemme le motho a le bonang le botoka go na le fa o ntse fela, gonne ga go na ope yo o ka go fang madi.

Rre Pule o kgothatsa batho go itse fa go dira ka natla go tsala phenyo, a tlatsa ka go re go monate go ja mofufutso wa phatla ya gago.

O rotloetsa banana go tlhoafalela dithuto gonne thuto ke selotlolo sa phenyo. ENDS

Source : BOPA

Author : Leteng Nokwane

Location : GABANE

Event : potsolotso

Date : 24 Apr 2018