Ramosielele o a iphataphatela
24 Apr 2018
E re le ntswa puso e le mo letsholong la go tokafatsa matshelo a Batswana ka kanamiso ya mananeo a a farologanyeng, bangwe ba setse ba gatetse pele ka go itlela ka methale ya go itshedisa le go lwantsha lehuma le letlhoko la ditiro.
Rre Ratang Ramosielele ke mongwe ba banana ba ba itlhametseng mmereko ka go dirisa mabotlolo a digalase go itshetsa.
E re ka Motswana a boletse gore metlhala ya khumo e mentsi e tlhoka balatedi, Rre Ramosielele ga ise a ipone tsapa, a simolodisa kgwebo ya gagwe ya go dira digalase tse di nwelang nnotsididi, mabone a digalase e bile gape o baakanya digalase tse di thubegileng.
Fa a bua le BOPA mo potsolosong, Rre Ramosielele a re o gwetlhilwe ke letlhoko la ditiro.
O tlhalositse fa e rile ka 2011 a kopana le Rre Ben Ben kwa Gabane mme a mo ruta ka botswapelo le lorato go dira digalase a dirisa mabotlolo a digalase a a dirisitsweng.
E rile morago ga ngwaga tse pedi, ka Rre Ramosielele a ne a amule botsipa le kitso tse a neng a di tlhoka a simolodisa kgwebo ya gagwe.
A re go dira digalase o dirisa mabotlolo a a dirisitsweng ga go motlhofo, a tlatsa ka go re go tlhokana le bopelotelele.
Monana yoo, o buile fa lorato e le lone konokono mo kgwebong.
A re kgwebo nngwe le nngwe e tlhokana le lorato le bopelotelele gore e gole mme ka banana ka bontsi ba sena dilo tse pedi tse mo dikgwebong tsa bone, di felela di phutlhama.
Rre Ramosielele yo o dingwaga di masome mararo le bone o tlhalositse fa kgwebo ya gagwe e sa dire letseno le le kalo mme a re lemmenyana le a le bonang le mo tlodisa melatswana.
O boletse fa a na le bana ba le bararo mme kgwebo ya gagwe e le yone e ba tlhokomelang ka a sa kope ope sepe go itshedisa.
Rre Ramosielele yo o feletseng ka lokwalo lwa boraro kwa sekoleng se golwane sa Naresereto kwa Gabane, a re fa a sale a simolola kgwebo e ka 2013, o setse a itheketse motshine o o gotlhang digalase wa P3 100.
A re o bereka ka thata gore a reke motshine o o kwalang digalase mme o dumela gore mo tsamaong ya nako o tlaa filhelela toro ya gagwe.
O buile fa a simolotse a rekisetsa mo lwapeng mme a re gompieno o rekisetsa kwa mmolonga wa Rail Park kwa Gaborone.
A re khansele ya Kweneng e nna e dira ditshupo tsa bagwebi ba babotlana mme se se mo fa sebaka sa go bapatsa kgwebo ya gagwe.
O supile fa ditshupo tseo di mo thusa go kopana le bagwebi ba bangwe mme ba arogane maele a go godisa dikgwebo le bone.
Rre Ramosielele o tlhalositse fa a tsena ntlo le ntlwana a bapatsa kgwebo ya gagwe.
A re fa letseno le sa tsena letsatsi leo, ga a itlhoboge ka a itse fa malatsi a sa tle ka go tshwana e bile gape a na le tumelo ya gore, gore mogwebi a gole, o tshwanetse go ralala dikgwetlho go mo tiisa moko.
“Dikgwetlho tse ke di ralalang ke tsone di nkgodisang mo tlhaloganyong e bile ke tsone di ntirileng se ke leng sone gompieno.
Gore kgwebo nngwe le nngwe e gole, mong wa yone o tshwanetse go ralala dikgwetlho pele,” ga bua jalo Rre Ramosielele.
O tlhalositse fa kgwebo e tshwana fela le ngwana yo monnye, e tlhokana le tlhokomelo e e rileng le lorato e bile mong wa yone o tshwanetse go nna pelotelele a itse fa Roma a sa agwa letsatsi le le lengwefela.
O buile fa a kopana le dikgwetlho di le mmalwa mme ga reng ga tsone ke go rata sekoloto ga Botswana le go rata go tsamaela ruri ba sa wetsa tuelo.
A re go dira jalo go digela kgwebo ya gagwe kwa tlase.
O gwetlhile Batswana bogolo jang banana gore ba ikemele ka dinao go itshetsa gonne puso ga e kake ya kgona e le nosi.
A re go botoka gore puso e thuse ba ba sa kgoneng mme ba ba kgonang bone ba ipelege.
O rotloeditse banana gape go dirisa ditalente tsa bone tse ba di filweng ke Modimo.
O tlhalositse fa bokamoso jwa bone bo le mo diatleng tsa bone mme go botlhokwa go dirisa diatla tsa bone go ipetlela bokamoso jo bo rileng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Leteng Nokwane
Location : GABANE
Event : potsolotso
Date : 24 Apr 2018






