Breaking News

Palapye o simolodisa kokelwana ya itlhatlhobelo kankere

24 Apr 2018

Sepatela sa Palapye se butse kokelwana ya itlhatlhobelo kankere go thusa bomme go dupa kankere ya molomo wa popelo ka nako.

Kokelwana e, e ba e teileng leina ba re See and Treat, e bulwa fa gare ga beke mme e itebagantse le bomme ba ba dingwaga tse di masome mararo go ya kwa go masome mane le borobabongwe.

Mo potsolotsong le BOPA, moanamisa mafoko wa sepatela sa Palapye, Mme Mpho Modibedi o rotloeditse bomme go ikgogela kokelwaneng eo go itlhatlhobela kankere.

Ka bomme ba ba nang le mogare wa HIV ba lebanwe ke diphatsa tsa go ka tsenwa ke kankere ya molomo wa popelo, Mme Modebedi o ba gakolotse le bone go dirisa kokelwana e.

A re se se ka thusa gore fa motho a na le matlhasedi a kankere ba bongaka ba kgone go lemoga go santse go na le nako gore ba mo tsenye mo kalafing.

Lenaneo la See and Treat le remeletse mo go dupeng kankere mo go bomme gore fa go na le matlhasedi a kankere ba kgone go e alafa pele e ka jwalelela, ka fa e setse e le mo seemong se e nna thata go alafesega.

Tlhatlhobo e, e e tlwaelesegileng ka leina la VIA, e dirwa ka go tshasa vinegar mo molomong wa popelo gore sepe se se ka tswang se amilwe ke kankere se itshupe, ka jalo se se fe ba bongaka sebaka sa go tsenya molwetse mo kalafing e e maleba.

Mme Modibedi a re fa e le gore go na le dirwe dingwe tse di setseng di koafaditswe ke kankere, molwetse o fetisediwa kwa a tlaa yang go bona kalafi ya kankere e e ka nnang tiriso ya marang a a phunyeletsang, tiriso ya dikhemikhale kana loaro.

E re ntswa kankere e kgona go thibelwa, Mme Modibedi a re bolwetse jo bo tsweletse ka go gapa matshelo.

A re tlhatlhobo e botlhokwa mo go bomme ba ba santseng ba le matlhagatlhaga mo go tsa tlhakanelo dikobo, ka jalo fa ba bongaka ba itemogetse matlhasedi a kankere go sale pele ba kgona go ba tsenya mo kalafing kana ba ba fetisetse kwa go nang le dithuso tse di maleba teng.

Ka jalo, se se ka fokotsa dipalo tse di golang tsa batho ba ba angwang ke kankere.

Lenaneo la See and Treat ga le emisetse le le ntseng le le teng la Pap Smear, ka jalo le ntse le tsweletse kwa dipateleng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : BOPA

Location : PALAPYE

Event : Pulo ya kokelwana ya itlhatlhobelo kankere

Date : 24 Apr 2018