Breaking News

Kgwebo ya thuo e tlhoka boineelo

23 Apr 2018

Setlhopha sa barui ba dihutshane ba masimo a Leropo kwa Bonwapitse ba supa fa boineelo le go itshokela dikgwetlho e le dilo tsa botlhokwa mo kgwebong ya thuo.

Ba tlhalositse jalo mo potsolotsong le BOPA ba supa gore mosepele wa bone wa go tsena mo kgwebong ya thuo ya dihutshane o ne o se bonolo.

Boraro joo e leng Mme Stephinah Tokwe, Mme Lenah Baloi le Rre Boikhutso Boiditswe ba simolotse kgwebo ya bone ya thuo ya dipudi ya Basadibapuso Association ka 2017.

Modulasetilo Mme Tokwe o supile gore toro ya bone ya go nna bagwebi ba dihutshane e fetogile leruri ka thuso ya madi a lekalana la bong.

Le fa tsela e ne e le thata, Mme Tokwe o tlhalositse gore setlhopha sa bone se thusitswe ka madi a a fetang P268 000 go simolola kgwebo ya go rua dipodi.

O supile gore kopo ya bone ya ntlha ba e dirile ka 2013 mme ba atlega.

Le fa go ntse jalo, Mme Tokwe a re ga ba a ka ba kgojwa marapo ke se, ka jalo ba ne ba boela morago go baakanya tsotlhe tse e neng e le sekgoreletsi mo maitekong a bone a go bona madi.

A re sengwe tsa dilo tse di neng tsa kgoreletsa kopo ya bone ke gore bangwe ba maloko a a neng a le mo setlhopheng e ne e le ba ba kileng ba bona thuso ka lenaneo le, ka jalo ba ka seke ba thusiwa gape.

O ne a supa gore boineelo jwa bone bo feletse bo dira gore ba bone se ba neng ba se batla.

Mme Tokwe a re go amogela dikgakololo le go ithuta mo go ba ba neng ba setse ba thusitswe ka lenaneo le, go dirile gore ba tie moko, ka jalo ba tswelela ka go iteka go fitlhelela ba bona thuso.

Mme Tokwe a re ba simolotse lenaneo ka dipodi di le lekgolo le boraro, a tlatsa ka go re go tlhaela kitso mo thuong ya dihutshane go ne ga dira gore ba nne le ditatlhegelo tse dintsi thata kwa tshimologong.

O supile gore mo letsalong la ntlha ba ne ba latlhegelwe ke dipotsane di le masome a mane le bongwe, di eswa ka mabaka a a farologanyeng.

O tlhalosa gore ka Setswana se re ‘mmatla kgomo kodumela o etse mhata sediba,’ dikgwetlho tse ba neng ba kopana le tsone di dirile gore ba nonofe le gone go tlhaloganya malwetse a  a tshabelelang dihutshane.

Bophepa mo masakeng bo supiwa e le sengwe sa botlhokwa go fokotsa malwetse a a tshwenyang dipodi.

Mme Tokwe a re ba kgopha motshotelo kgapetsakgapetsa mo masakeng go itsa gore masaka a nne seloko ka nako ya dipula, selo se se dirang gore dipodi di tlhaselwe ke bolwetse jwa tlhakwana.

“Le fa go le thata jaana re itshoka gore re kgone go tswelela.”

O supile gore mo ngwageng o o fetileng letsalo la dipodi le ne la lebagana le paka ya dipula tsa ga Dineo tse di neng di na matsorotsoro bosigo le motshegare.

Le fa go ntse jalo, Mme Tokwe a re ba ne ba dira bojotlhe go sireletsa dipotsane mo dipuleng le serame ka go aga lefelo le le sireletsegileng.

Mo nakong eno setlhopha sa Basadibapuso Association se na le dipodi di le makgolo mabedi 207, bontsi jwa tsone e le tsa letsalo.

Le fa go ntse jalo, modulasetilo Mme Tokwe o supile gore nngwe ya dikgwetlho e e santseng e ba setse morago ke letlhoko la mmaraka wa dihutshane.

A re le fa puso e leka go tsweledisa mananeo a tshwana la bong, LIMID le a mangwe, letlhoko la madi le dira gore ba seka ba reka ka bontsi.

A re seemo seo se dira gore le bone ba tlhaelelwe ke madi go a tlamela kgwebo.

Ka maikaelelo a go batla maano a go ikoketsa kitso ya go rua, go batla mmaraka le go bapatsa kgwebo ya bone, Mme Tokwe o tlhalosa gore kgwebo ya bone ke leloko la mokgatlho wa barui ba dihutshane wa Maboelela Small Stock Association.

Ka thulaganyo ya mokgatlho o, Mme Tokwe o supa gore ba tshwara letsatsi la barui ba dihutshane ngwaga le ngwaga go amogana maele le gone go bapatsa leruo la bone.

Mme Tokwe o supa gore maikaelelo magolo a barui ba dihutshane ke go nna le matlhabelo ka gore seo se ka thusa go thusa go atolosa mmaraka wa dipodi.

Le fa dibatana jaaka phokoje e le kgwetlho mo baruing ba dihutshane, Mme Tokwe a re dintsa tse di disang dipodi di botlhokwa thata ka di tlhokomela leruo kgatlhanong le go tlhaselwa ke dibatana.

O supa gore maikaelelo a bone ke go bona kgwebo e gola.

A re mo nakong eno ba setse ba kgonne go hira modisa go ba thusa go tlhokomela leruo.

Mokwaledi wa mokgatlho, Mme Lenah Baloi a re go ne go se motlhofo go goroga fa ba leng teng.

A re nngwe ya dikgwetlho tse ba nang le tsone ke tlhaelo ya metsi ka go sena sediba mo tshimong e ba ruetseng mo go yone.

Le fa gone kgwebo ya bone e tona e le thuo a dipodi, Mme Baloi a re ba simolotse thuo ya dikoko tsa Setswana le mebutla e le tsela ya go oketsa letseno.ENDS

Source : BOPA

Author : Moshe Galeragwe

Location : BONWAPITSE

Event : potsolotso

Date : 23 Apr 2018