Monna o sekela go lwantsha mapodisi
22 Apr 2018
Monna wa dingwaga tse di masome mabedi le boferabongwe o sa tswa go ema fa pele ga lekgotla la ga mmakaseterata mo Kanye ka melato e le meraro ya go lwantsha mapodisi le go thuba dikago tsa sepodisi kwa Moshupa bosheng.
Kabo Osele, wa kgotla ya Lepapa kwa Moshupa, go boletswe fa pele ga lekgotla gore e rile ka kgwedi ya Moranang e tlhola malatsi a le lesome le boferabobedi a shakgala kwa diofising tsa mapodisi a Moshupa, a ba a lwa le go senya dithoto.
Fa a lebisiwa molato, go boletswe fa e rile ka nako eo Osele a ile kwa diofising go kopa thuso, a ngongorega gore ga a thusiwe sentle mo a feletseng a lole le mapodisi mme a loma lepodisi le lengwe ka meno mo letsogong fa ba ne ba leka go mo koba kwa diofising ba bona a sa itshwara sentle.
Go bolelwa fa Osele a ne a ile go ikuela kwa diofising tsa sepodisi gore o golafetse mme morago a ngongoregela gore ga a a thusiwa sentle.
Molato wa ntlha o a o lebisitsweng ke go raya mapodisi a re ‘ke tsile go tshuba police station ya lona’, wa bobedi ke gore a re ‘lepodisi le ke tlaa rakanang le lone mo tseleng ke tsile go le bolaya’, fa wa boraro e le wa go thuba seokomelabagwe sengwe sa dikago fa a ne a sweleswetana le mapodisi.
Le fa go ntse jalo, fa ba bosekisi ba mmotsa gore ke eng a ne a lwa le mapodisi, a bolela fa ba paletswe ke go mo thusa ka pampiri go bona ngaka, ka a ne a re o robilwe ke mongwe menwana jaanong a batla go ya kokelong.
Ba bosekisi ba kopile lekgotla gore a tshegediwe mo toronkong ka gore ditlhotlhomiso di santse di le disha e bile ba belaela gore gongwe o tlaa tlhasela diofisi tsa sepodisi a wetsa tiro e a neng a e buile go le pele.
Tsheko e tlaa tswelela Motsheganong e tlhola gararo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : KANYE
Event : tsheko
Date : 22 Apr 2018






