Breaking News

Balemi ba Ghanzi ba rutwa ka temo ya tshomarelo

22 Apr 2018

Balemi ba kgaolo ya Ghanzi ba rotloeditswe go inaakanya le temo ya tshomarelo  go sireletsa mmu le go itepatepanya le seemo sa phetogo ya loapi.

Mme Banabotlhe Motsholwane o buile jaana kwa kokoanonong e e neng e rulagantswe  ke balemisi ba Ghanzi kwa tshimong ya ga Rre Tshepo Gadilatolwe  kwa Grootlagte ka Labone gore balemisi ba tsee  malebela a temo tshomarelo.

Fa a bua kwa kokoanong eo, Mmabalemisi wa Ghanzi,Mme Motsholwane o ne a supa gore  go lema ga segompieno, segolobogolo ka ditshukudu tsa temo, go duba mmu fela thata e bile go felela go senya popego ya one.

A re fa popego ya mmu e senyega  go nna motlhofo gore mmu o tsewe ke phefo mme mmu oo o sale o le mo seemong se se sa siamelang  dijalo.

“Jaaka  ba Grootlaagte ba reketswe tshukudu ya temo jaana, e ya go duba mmu le go feta, ” a gatelela.

Mme Motsholwane a re  go pitikolola mmu mo go feteletseng go felela go baka gore mmu o silege.

Rre Gadilatolwe o ne a tlhalosetsa balemi ka ene gore o ne a lema ditema dingwe ka temo ya tshomarelo a dirisa mogoma wa ripara o a reng ga o pitikolole mmu.

A re mogoma o o sega tsela fela fa peo e tsenang teng, a tlatsa ka go re ka o na le lenala le le  tsenang mo mmung boteng jo bo rileng o kgona go tshwara bokgola jo bo kwa teng e bile boteng joo bo dira gore medi ya semela e kgone go tsena sentle mo mmung.

Molemisi wa kgaolo ya Ghanzi, Rre Tshoganetso Sebonywe  le  wa New Xade, Rre Mogotsakgotla Mhake le bone ba ne ba gatelela bomolemo jwa  mogoma wa ripara.

Ba re lenala le le mo mogomeng o o, le  thusa go thuba legogo le le mo mmung le le dirwang ke go lema ka megoma e mengwe, ka jalo ba re medi ya dijwalo e gola sentle e sa kgorelediwe ke sepe.

Ba re gore balemi ba akole maduo a mogoma oo sentle, ba tshwanetse go o dirisa le polantara ya one.

Fa a afa malebo, mokhanselara wa Grootlagte, Rre Ezekiel Kajuu o ne a kopa balemisi go abela balemi dipeo tse thobo ya tsone e tlhokwang ke lekalana le le rekang thobo la BAMB.

Rre Kajuu  a re nako e tsile gore puso e  simolole go duelela  balemi  go tlhagola masimo a bone gore ba ntshe dijo go jesa lefatshe.

Mo go tse dingwe o ne a supa fa seemo sa tsela ya  Grootlagte-Ghanzi e lemo seemong se se ngomolang pelo.

A re seemo se se sale se simolotse morago ga  gore go nne le thulaganyo ya gore ditsela tse di kopanyang metse di baakanngwe ke goromente  yo motona. ENDS

Source : BOPA

Author : Mothusi Galekhutle

Location : GROOTLAGTE

Event : kokoano

Date : 22 Apr 2018