Breaking News

Mananeo a puso a solegela banana molemo

22 Apr 2018

Lenaneo la puso la go adima banana mafelo a a seng mo tirisong le tsweletse ka go thusa banana ba Kasane ba digwebo tse dipotlana.

Rre Tshepo Matengu yo o dingwaga di masome mabedi le bosupa le Rre Motlagoilwe Sankwasa, ke banana ba Kasane ba ba dirang kgwebo ya go kopanya ditshipi ka molelo go dira didirisiwa tse di farologanyeng jaaka diheke, matshego a go besediwang nama mo go one, ditshipi tse di tshubang dikgomo ditshipi tsa di fensetere, ditshipi tsa mabati, dimausu tsa ditshipi le tse dingwe ka go farologana.

Rre Matengu o tlhalositse mo potsolotsong fa go ne go le thata go dira kgwebo ba sena lefelo le ba direlang mo go lone, mme e rile puso e dumela go adima Batswana mafelo, segolo bogolo banana, se sa dira gore le bone ba kgone go dirisa ditalente le botsipa jwa bone go itshetsa go na le go senyetsa batho kgotsa go tlhola ba a nwa majalwa le go dirisa ditagi.

Rre Sankwasa ene o tlhalositse fa mafelo a a le botlhokwa thata ka gore a bapile le mapalamelo a dikoloi tsa setshaba le marekisetso.

O tlhalositse gore se se dira gore batho ba kgone go bona dilwana tse ba di rekisang motlhofo mme ba reke.

A re e re le ntswa kgwebo ya bone e dira sentle, ba na le dikgwetlho tsa go tlhoka didirisiwa tse di maleba mme e bile ba eletsa go kopa madi kwa pusong go godisa kgwebo ya bone ka lenaneo la banana la YDF.

Banana bao ba kaile fa kgwebo ya bone e tsweletse ka go gola e bile jaanong ba eletsa go nna le lefelo la se nnela ruri ka gore seo se ka dira gore kgwebo e gole mme ba kgone go thapa banana jaaka bone.

Rre Matengu o ithutetse tiro ya diatla kwa Ikago Rehabilitation Centre kwa Gaborone, mme o tlhalositse fa pele ga ba bona lefelo le ba direlang mo go lone, ba ne ba latela bareki kwa ba leng teng ba bo ba ya go direla teng tiro e e batlegang, mme se se ne se dira tiro ya bone bokete ka go nna ba sasankega ba rwele didirisiwa.

O tlhalositse fa ba simolotse go direla mo lefelong le ka 2014, mme go ne go se thata go le bona ka gore ba bapile le kwa lapeng la bone, mme se se dirile tiro motlhofo gore ba bone lefelo ka gore ba ile ba buisana le batho ba ba nnang gaufi le fa ba direlang teng mme ba bo ba dumalana. ENDS

Source : BOPA

Author : Johnson Mabuta

Location : KASANE

Event : potsolotso

Date : 22 Apr 2018