Breaking News

Go amusa ka lebele go botlhokwa

22 Apr 2018

Ba booki ba supile fa go amusa masea ka lebele go le botlhokwa ka go ba fa dikotla ka go farologana tse di lwantshang malwetse mo mmeleng.

Mmaboitekanelo wa kokelwala ya Zoroga, Mme Hwiso Dikeleko o supile matshwenyego a bana ba ba sa amusiweng sentle a re seo se dira gore ba tlhoke dikotla mo mmeleng.  

Fa a bua mo phuthegong ya kgotla bosheng, a re o itemogetse gore bontsi jwa bomme ga ba je dijo tse di tlaa dirang gore ba nne le mashi a mantsi go ka kgorisa bana.

“Go amusa ke selo se se monate se motsadi a ipelang ka sone.

Gongwe le gongwe kwa motsadi a yang teng o tshwanetse go tsamaya le ngwana ka a tsamaya a rwele dijo tsa gagwe e bong mashi,” ga tlhalosa Mme Dikeleko.

O ne a tlhalosa gore fa ngwana a sa amusiwe sentle, go kgoreletsa go aga mmele wa gagwe ga mmogo le go baakanya boboko gore a gole tlhaloganyo ya gagwe e tlhalefile sentle.

A re ngwana o tshwanetse go amusiwa dingwaga tse pedi mme batsadi ba bangwe bone ba ntsha ngwana mo lebeleng fela go sa re sepe.

Mme Dikeleko o ne a tlhalosa fa bontsi jwa bomme ba ba berekang ba sa fe masea nako e e tshwanetseng ya go ba amusa fa bangwe ba tsoga fela phakela mme morago motho a tle go mo amusa fela ka nako ya dijo tsa motshegare.

“Ngwana ga a a tshwanela go tlhaela dikotla a setse a le dikgwedi tse thataro ntswa a amusiwa ka lebele,” a tlhalosa.

O ne a rotloetsa batsadi go baya bommabana  leitlho gore ba tlhokomele masea a bone e bile ba bone mashi ka nako.

A re bomme ba bangwe ba tsaya lobaka go ya go amusa bana fa ba setse ba ile ditirong, fa bangwe ba kgona go latisiwa bana kwa maitisong,mo e leng gore ga go a siamela botsogo jwa bana. ENDS

Source : BOPA

Author : Joseph Tlholego

Location : ZOROGA

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 22 Apr 2018