Breaking News

Women Collective e thusa Bomme

22 Apr 2018

Bomme bangwe ba toropo ya Francistown ba itshupile fa ba gatetse pele mo maikaelelong a go tswa ka methale e ba ka e dirisang go itepatepanya le tse di amang matshelo a bomme.

Bomme bao, ba bopile mokgatlho o ba o bitsang Francistown Women Collective.

Mo potsolotsong le BOPA bosheng, mothusa modulasetilo wa mokgatlho oo, Mme Kgololo Makhi a tlhalositse fa o tlhamilwe ke bomme ba Francistown ba le lesome le bobedi ka Tlhakole ngogola.

O tlhalositse fa mo nakong eno, mokgatlho o jaanong o setse o ngokile bomme ba le mmalwa go ralala toropo ka jaana ba setse ba feta masome a mararo.

A re go tlhangwa ga mokgatlho o, e ne e le ka maikemisetso le maikaelelo a go netefatsa fa dikgang tse di amang bomme di bona tharabololo, gape e le tsela e ka yone ba eletsang gore ba nne seopo sengwe go bua ka lentswe le le lengwe gore lentswe la bomme le utlwale mo setshabeng.

O tlhalositse fa gangwe le gape bomme ba tshabelelwa ke dikgang tsa petelelo, kgokgontsho, go godisa bana ba le nosi, lehuma le le tseneletseng, go sa emelana ga mmogo le gone go nyadiwa mo matshelong le mo ditirong dingwe.

Ka jalo o ne a supa fa e ne e le maikemisetso a bone e le mokgatlho go batla tsela e ka yone dikgang tse di ka rarabololwang.

Mme Makhi o ne a tlhalosa fa ba dumalane e le maloko go nna ba kopana gangwe le gape mo bekeng go buisana ka dikgang dipe tse di ba amang le setshaba ka kakaretso mme kwa pheletsong ba nne le tharabololo ya tsone.

Go sa le foo, mothusa modulasetilo o tlhalositse fa go kopana ga bone e le maloko go ba thusa gape go abelana megopolo ya methale ya itshetso, segolo bogolo ya go ka inonotsha mo go tsa kgwebo gore kgabagare ba inoge mo lehumeng.

O ne a tlatsa ka go re ba fana le bogakolodi ka matshelo a bone, ka jalo Mme Makhi o ne a ikuela mo setshabeng go ba tswa tema tebang le gore mokgatlho o tswelele pele go solegela setshaba molemo.

A re ba lebaganwe ke dikgwetlho di akaretsa letlhoko la lefelo le le tlhomamisitsweng go tshwarela diphuthego mo go lone ka jaana mo nakong eno ba tsenela mo lebaleng, mme seo se ba kgoreletse fa loapi lo sa iketla.

O boletse gape fa ba na le letlhoko la ditsompelo, ka jalo a kopa thuso mo dikhamphaneng ka go farologana go ba tswa thuso.

Gape o ne a supa gore le fa ba lebaganwe ke dikgwetlho ga ba kake ba nyema moko, a supa fa e le keletso ya bone gore mokgatlho o o gole o nne le maloko lefatshe ka bophara. ENDS

Source : BOPA

Author : Kebatsaletse Ongadile

Location : FRANCISTOWN

Event : potsolotso

Date : 22 Apr 2018