Ba Zoroga ba kopa go fudusiwa
19 Apr 2018
Morago ga gore Zoroga a angwe ke morwalela o o bakilweng ke dipula tse di neleng ka mashetla mo kgweding tse di fitileng, banni ba ne ba kopa ba lephata la kabo ditsha la Ngwato mo Nata go ba fudusetsa fa metsi a sa emeng teng.
Kgosi wa Zoroga, Rre Thomas Modiro a re go lebega Zoroga a le mo tseleng ya metsi, ka jalo bogogi jwa motse bo kopile ba lephata la kabo ditsha la Ngwato go sekaseka go ka fudusetsa ba ba senang bonno kwa go nang le thota teng.
O tlhalositse seo mo potsolotsong le BOPA bosheng.
A re malwapa mangwe a kokoane, ba nna mo ditanteng golo go le gongwe ka go sena jone bonno ka ntlha ya maphatshaphatsha a metsi fa fatshe.
O tlhalosa fa ba tlaa emela phetolo kwa go ba lephata la kabo ditsha.
A re ba kabo ditsha ba supile gore fa kopo ya bone e ka atlega, ba agele batho bao matlo kwa ba kopileng go bewa teng e le phimolo dikeledi jaaka banni ba kopile.
Kgosi Modiro o tlhalositse fa go sa amega bonno fela.
A re bangwe ba ba ikaegileng ka masimo ga ba na go bona thobo ngwaga ono ka masimo a eme metsi e bile ba paletswe le ke go isa letlhafula kwa sekoleng se sebotlana sa Zoroga.
A re metsi a bolaile gotlhe le dihutsane.
“Khansele-potlana ya Tutume e a re thusa ka go gomotsa batho, go ba neela metsi, dijo le dikgong mo kampeng,” go bua Kgosi Modiro.
O supa selelo sa letlhoko la bonno mme o kopa puso go sekaseka letlole la yone gore ba bone tharabololo ya sennela ruri bone le banni ba Gweta.
Fa a tswa la gagwe, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Rre Ditshwanelo Shororo, a re malwapa a le masome a mabedi le bobedi a nna mo kampeng.
O tlhalositse fa bana ba sekole le barutabana ba nna mo kampeng.
A re seo se seka sa ba kgoba marapo mme ba amogele seemo ka ba kgona go tswelela ka botshelo jwa bone fa go sireletsegileng teng go na le go nna fa gare ga metsi le matlo a a wang ka dinako tsotlhe.
Modulasetilo wa lephata la kabo ditsha la Ngwato, Rre Uyapo Mojiwa a re banni ba supile fa go na le kwa ba ba senang bonno ba ka fudusediwang teng mme ba tlaa nna le bokopano go sekaseka kopo ya bone.
O tsweletse ka go tlhalosa fa ba ba kopileng ditsha tsa bonno mo Zoroga ba tlaa abelwa ditsha fela jaaka e le tshwanelo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Joseph Tlholego
Location : ZOROGA
Event : Potsolotso
Date : 19 Apr 2018






