Breaking News

Balemi ba gaNgwaketse abelana maele

19 Apr 2018

Balemi ba kgaolo ya Machana ba supile fa dikgwetlho tsa temo di tshwana le dipula tse di boutsana di sena go ba kgoba marapo mo maikaelelong a go godisa thobo.

Balemi bao ba ne ba arogana maele le balemi ba kgaolo ya ga Ngwaketse bopirima ba ba neng ba etetse masimo a bone mo moletlong o o neng o tshwerwe ka fa tlase ga setlhogo se se reng; Tiriso ya Methale ya Temo-thuo e e Tsamaelanang le Phetogo ya Loapi go Oketsa Thobo”.

Maikaelelo a thulaganyo ya letsatsi leo e ne e le go kopanya balemi ka go farologana go tla go abelana megopolo gore ba ka tokafatsa temo jang mo nakong eno ya dikgwetlho tsa dipula tse di boutsana. 

Mongwe wa balemi ba kgaolo eo, Rre Peter Kenosi o kaile fa a kgonne go lema ka a ne a tshwara bongola ka go sila lotlhaka morago ga temo ya ngogola. A re o ne a jala mabele a segaolane, mmidi gammogo le dinawa mme o solofetse thobo e e nametsang ka jaana a ne a tlhoafalela go tlhagola mhero le go leta.

E re le ntswa a supile fa lotlhaka lo lo sedilweng lo ne lwa thusa gape go oketsa dikotla tsa mmu mo tshimong, o tlhalositse fa gape a thusitswe ke dibanka ka madi a menontshane. A re o ne gape a iphokoletsa ditshenyegelo ka go ipeela peo mo thobong e a dikileng a e robile. 

Rre Tonic Molaolwa ene o tlhalositse fa a bereketswe ke bongola jwa dipula tsa ngogola tse di neng di na ka bokete. 

A re mo godimo ga moo ba beile didirisiwa tse di kalang pula mo masimo gore di ba thuse go ela seemo tlhoko gore ba ka lema eng fa kae ba lebeletse selekanyo sa pula mo masimong ka go farologana.

O kaile fa gape ba lemile mehuta e mebedi ya mmidi ba lebeletse ka fa dijalo tsa mehuta eo di golang ka teng le seemo sa pula. 

Rre Molaolwa o kgothaditse balemi go itlwaetsa go epolola mmu mme ba sa o pitikolole gore o kgone go tsenya metsi fa pula ena mme o sa latlhegelwe ke bongola jo bo kwa tlase. 

A re se se ka thusa gore ba kokotletse bongola jwa mmu go fitlhelela bo lekana seelo se ba se batlang go ya ka dijalo tse ba eletsang go di jala.

Mo godimo ga moo, o ba gakolotse gore ba inaakanye le maranyane a masha a temo gore ba bone maduo. Are ene temo o e kgona ka bodiredi jo bo nonofileng jo bo dirang ka natla. 

Le fa go ntse jalo, o tlhalosa fa le ene a ipha nako ya go tla go bereka masimo. 

O ne gape a ba kgothatsa gore ba dirise menontshane gore di kgone go itsetsepela mo diemong tse di thata ba tle ba bone thobo e e botoka.

Kgosi Justice Motlhalane wa Sese o ne a akgolela balemi ba Machana go bo ba kgonne go lema ditema tse di kalo le ntswa dipula di sa nametse.

O ne a kopa balemi ba babotlana go tsaya malebela mo go ba bangwe gore le bone ba oketse thobo. BOKHUTLO 

Source : BOPA

Author : Kehumile Moekejo

Location : MACHANA

Event : Kabelano Megopolo

Date : 19 Apr 2018