Ba mophato wa botlhano ba newa maano
19 Apr 2018
Kgosi David Toto wa Tsabong a re Batswana ba itsege ka go tlhompha ditshwanelo le ditumelo tsa batho.
Kgosi Toto o buile jaana kwa phuthegong e e neng e tshwerwe kwa sekoleng se segolwane sa Tsabong kwa ba-na-le seabe ba neng ba kopane go fa baithuti ba mophato wa botlhano magokonyane a botshelo jaaka fa ba tlaa bo ba wetsa dithuto tsa bone ngwaga o ya fifing.
O boleletse dialogane fa maitseo le tlhong di aga ka e a re motho a bua le ba bangwe a tlhophe mafoko.
A re bokopano joo, bo diretswe gore ba ithute maele a botshelo ka jaana keletso e le go ba bona ba rutegile mo ba tlaa kgonang go bereka ba tlhabolola lefatshe la bone.
Kgosi Toto a re batsadi ba bone ba eletsa go ba bona ba itshetsa ba sa baya mo go ope, selo se ba ka se kgonang fa ba ka tswelela le dithuto.
A re fa go ka nna le bangwe ba ba ka sekang ba dira sentle, ba iteke go fitlhelela ba fenya, a tlatsa ka go re ba ba tshwarang ka bonako, ba thuse ba bangwe.
Kgosi o ba kopile gore thutego ya bone e se ka ya ba latlhisa ngwao.
A re ba tsile go kopana le merafe e e farologaneng gammogo le tiriso ya maranyane mme ba se ka ba itebala.
Mongwe wa dibui, Rre Khulekani Tobokwani, o kaile fa bokopano joo e le go thusa baithuti go nna le boikarabelo le go ba thusa gore ba kgone go itshetsa morago ga sekole.
Rre Tobokwani a re baithuti ba tshwanetse go itse gore tshenyetso setshaba ga e letlelelwe mme gape tsholofelo ke gore maitsholo a bone a fetoge. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Aobakwe Molefhi
Location : TSABONG
Event : Phuthego
Date : 19 Apr 2018






