Dipodi di ntsha monana mo lehumeng
18 Apr 2018
Dikhilomethara tse tlhano go tswa kwa toropong ya Selebi Phikwe go ikadile meraka ya dipodi e e bidiwang Majweng, e e kgatlhang leitlho.
Mme Kereemang Moses ke mongwe wa barui ba duhutshane kwa merakeng eo, se a se kgonne ka lenaneo la Youth Development Fund (YDF).
Mme Moses wa dingwaga tse di masome mararo, o supile fa e rile puso e tlhama mananeo a seka a ipona tsapa go inaakanya le one mme ka 2015, a fiwa dipodi di le 67 ka lenaneo la YDF.
A re monate wa go rua dipudi ke gore di bogadi bo gaufi mme a supa fa a raletse dikgwetlho ka a simolotse kgwebo a sena maitemogelo a yone.
Mme Mosese a re bogodu jwa dihutshane ga mmogo le malwetse a tshwana le jwa diphilo di ba busetsa kwa morago.
A re melemo ya dihutshane e turu mo di felelang di eswa ka dipalo tse di kwa godimo.
Mo bogompienong a re o setse ka dipodi di le 36 morago ga go rekisa di le 10 fa 19 e bolailwe ke bolwetse.
Lorato lwa gagwe mo loruong a re ke sone seikokotlelo sa gagwe ka e a re dikgwetlho di tlhakaladitse a tlelwe ke kakanyo ya go tswala lesaka a bona o ka re o berekela a e fofe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Gaone Busang
Location : SELEBI PHIKWE
Event : potsolotso
Date : 18 Apr 2018






