Tona o lemotsha setshaba ka diphetogo tsa molao
18 Apr 2018
Tona wa Itshireletso, Molao le Thokgamo, Rre Shaw Kgathi o lemotshitse banni ba Mmathubudukwane le Malolwane ka diphetogo tsa melao e e fetisitsweng kwa palamenteng.
E rile a bua mo diphuthegong tsa kgotla kwa metseng eo kgwedi eno e tlhola lesome, o ne a tlhalosetsa morafe fa go le botlhokwa gore diphetogo tsa melao tse di dirwang kwa palamenteng setshaba se di itse gore ba seka ba iphitlhela ba tlotse melao eo mme ba tsena mo mathateng.
A re palamente e ne ya dumalana ka phetogo ya molao wa dingwaga tsa tlhakanelo dikobo le bana ba dingwaga tse di kwa tlase ga 18.
Tona Kgathi a re dingwaga tseo e ntse e le 16 mme jaanong di okeditswe go nna 18, se e le tsela ya go sireletsa bana, bogolo jang ba basetsana.
A re puso e tshwentswe ke dipalo tsa bana ba ba tlogelang sekole ntateng ya boimana, mme molao o o tlaa thusa gore ba kgone go fetsa sekole.
A re kotlhao ya molato o e tona ka e simolola ka dingwaga tse di lesome go ya kwa godimo.
Tona Kgathi o ne a kopa borre gore ba ikgaphe mo baneng ba basetsana ka go disa poo e se selo se se monate gotlhelele.
Tona gape a re palamente e dumelane go nonotsha molao wa tiriso ya maranyane a Internet go emisa borukhutlhi jo bo amanang le one.
Tona Kgathi a re molao oo, o direletswe go sireletsa setshaba kgatlhanong le bokebekwa le tiriso e e sa siamang ya maranyane ao.
A re mo nakong e e fetileng go ne ga nna le tiragalo ya thobalano, mme ya anamisiwa le Facebook mme molao oo o ya go othaya botlhe ba ba dirang jalo, mme yo o bonwang molato o tlaa atlholwa P40 000.
Rre Kgathi a re go dirisa matlhapa mo maranyaneng, katlholo ya teng ke P20 000, mme gape yo o ka dirisang mafoko a go nyatsa letso la motho yo mongwe o tlaa atlholwa P40 000 kana ngwaga tse pedi mo kgolegelong.
Tona o ne gape a kopa merafe ya metse eo go emisa go tlolela kwa Afrika Borwa mo mafelong a a seng ka fa molaong.
O ne gape a kopa balemi ba ba okeditseng masimo a bone kwa melelwaneng go a baakanya ka jaana selo seo se kganela makgotla a itshireletso go tsamaya ba kanoka molelwane ka phuthologo, mme a ba itsese fa tshimo e tshwanetse ya nna dimmitara di le 150 go tswa mo molelwaneng.
Modulasetilo wa tsa itshireletso kwa Mmathubudukwane, Mme Naomi Lekgabe o tlhalositse fa ba sepodisi sa motse oo ba sokola fa ba direlang teng.
O lebogetse baithaopi ba sepodise, ka a tlhalosa fa ba thusa go kganela bogodu mo motseng, mme a kopa gore ba okediwe gore tiro ya bone e kgone go tokafala.
Mme Lekgabe o boletse fa banni ba sokola ka go sena koloi mo motseng, mo go felelang go baka kgoreletsego ya dithuso mo go ba sepodisi ka ba felela ba sa goroge ka nako fa go tlhajwa mokgoosi.
Modulasetilo wa ditlhabololo tsa motse wa Malolwane, Rre Mothusi Fikeng o boletse fa ba tshwenngwa ke letlhoko la metsi mo motseng.
O boletse fa ditanka tse di beilweng mo motseng le tsone di kgona go nna di sena metsi mme go sena kitsiso epe e ba e fiwang go tswa go ba lephata la metsi.
Rre Fikeng o boletse fa letlhoko la dikoloi tsa sepodisi le tshwenya.
Kgosi Michael Balebetse o kopile banni ba motse go sala ditsamaiso morago fa ba tlola molelwane.
O boletse fa nako ya go ipata ka go tlhoka go itse molao e setse e siilwe ke nako, mme e bile e sa thuse ope ka katlholo e tlaa nna teng.
Kgosi Esron Bogatsu o boletse fa sekole sa Rankoa se na le dingwaga tse pedi se sena mogokgo, mme e bile maduo a sone a tsweletse ka go wela tlase.
O kopile tona go kopa lephata la thuto go tokafatsa seemo kwa sekoleng seo ka se ama bana le barutabana.
Kgosi Bogatsu o boletse fa maitiso a dinotagi a le modumo o o kwa godimo mo go kgoreletsang batho go robala mme go sena sepe se se dirwang ka seemo seo.
O boletse fa banana ba sena maitsholo a a itumedisang ka mabaka a go nwa mo go feteletseng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Booster Mogapi
Location : MMATHUBUDUKWANE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 18 Apr 2018






