Breaking News

Bojalwa jwa legonnyana bo tlhokisa Kgosi boroko

18 Apr 2018

Kgosi Goitseone Sekgwa wa Mogonono gaufi le Molepolole o lela ka thekiso ya majwala mangwe a a atileng mo motseng wa gagwe.

E rile fa a bua mo potsolotsong, Kgosi Sekgwa a re le ntswa ba khansele ya Kweneng ba kile ba tshwara diphuthego go ruta ka melao ya thekiso ya majalwa a mo malwapeng, go santse go na le bangwe ba ba ipeileng tsebe se utlwe.

O ne a supa fa go na le bojalwa bongwe jo bo bidiwang legonnyana jo bo atileng mo motseng oo.

A re go nowa phetelela ga bojalwa joo, segolo jang ke banana, go felela go baka tlhoka kutlwisisanyo magareng ga bone, mme go nne le dintwa tse gantsi di bakang dikgobalo kgotsa dintsho.

Kgosi Sekgwa a re mo sebakeng sa dingwaga tse tharo, ba gatisitse dintsho di le tharo tse di bakilweng ke dintwa fa go duwa kwa marekisetsong a bojalwa bosigo.

Kgosi Sekgwa a re ntswa ba leka ka bojotlhe go kgalema le go ruta mo diphuthegong tsa kgotla, sebe sa phiri ke gore ga go nko e tswang lemina ka seemo sa go rekisiwa ga majalwa a a sa letlelelweng mo malwapeng se sa fetoge.

A re ba biditse batsadi le banana go kgalema, mme go lebega molaetsa o tsena ka tsebe e o bo o tswa ka e nngwe mo bananeng.

O kopile batsadi go bua ka lentswe le le lengwe le bagogi ba motse go lwantsha botlhoka tsebe le go nowa phetelela ga bojalwa.

Kgosi Sekgwa o kaile fa botshelo jwa monana bo le botlhokwa, ka jalo a ba kopa go tsaya boikarabelo ka go fetola boitshwaro jwa bone.

Kgosi Sekgwa o kaile fa  bogodu  jwa leruo le jone bo apesitse motse wa gagwe kobo ka letshoba, mme a re dihutshane ke tsone di utswiwang ka bontsi.

O supile fa masimo a Ga-khukhu e le one kwa bogodu jwa leruo bo ileng magoletsa teng.

Le fa go ntse jalo, Kgosi Sekgwa o akgotse baithaopi ba thwantsho borukutlhi ba motse, a re ba dira ka natla ka go sa tlhole go na le masaka a a agilweng mo dikgweng, a dirisiwang ke magodu go tlhabela dikgomo mo go one. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Jacob Obotseng

Location : MOGONONO

Event : potsolotso

Date : 18 Apr 2018