Breaking News

Phetogo ya loapi e kgoreletsa balemi

18 Apr 2018

Kgaolo-potlana ya Mahalapye e solofetse go bona thobo e e kwa tlase monongwaga.

Mookamedi wa ofisi ya balemi, Rre Alexander Letebele o supile gore phetogo ya loapi e e dirileng gore pula e nne boutsana ka nako ya temo, e kgoreleditse balemi ba le bantsi go baya tema.

Rre Letebele o buile jalo bosheng mo potsolotsong le BOPA.

A re mo dikgaolong tse di mo bokone, thulaganyo ya go lema ka lenaneo la ISPAAD e wetse Tlhakole a le lesome le botlhano, ka jalo balemi ka bontsi ba ne ba ise ba kgone go lema ka gore dipula di ne di le boutsana ka nako e e beetsweng gore ba ka thusiwa ka lenaneo le.

E ne ya re go lemoga seemo se, puso ya oketsa lobaka loo ka beke, ka tsholofelo ya gore seemo sa loapi se tlaa fetoga, ka jalo balemi ba kgone go lema ka bontsi.

Rre Letebele o tlhalositse gore mo seemong se se ntseng jalo, go ne go okediwa lobaka ka malatsi a supa gore Batswana ba kgone go dirisa ISPAAD.

O supa gore ba ba palo tlase ba ba neng ba kgona go baya tema le fa gone seemo sa loapi se ne se le thata ba ne ba tlhagogelwa ke mathata a diji, segolo bogolo tsa mmidi.

Rre Letebele a re seboko sa fall army worm se dirile tshenyo e ntsi.

O tlhalosa gore bokete jwa diekere tse di lemilweng bo tserwe ke mmidi, ka jalo ba solofetse thobo e e kwa tlase ka mabaka a dikgwetlho tse a sa tswang go di nankola.

A re dijalo dingwe tse di lemilweng ka bokete go latela mmidi ke mabele le dinawa.

Rre Letebele a re balemi ka bontsi ba rata go lema mmidi le fa ba gakololwa go lema mabele ka gore a kgona go itshetlela mo seemong sa loapi se se thata.

Rre Letebele a re dipula tse di gosomaneng morago ga letsema ga di a oketsa palo ya diji fela ka gore bangwe balemi ba hekeeditswe ke mhero.

A re le fa bangwe ba ne ba lwa ka thata go lwantsha mhero, bangwe ba ne ba nyema moko, ka jalo dijalo tsa felela di hupediwa ke mhero.

Mongwe wa balemi kwa masimong a Mmamodungwa kwa Kudumatse, Rre Bontshetse Lebang, o supile gore o simolotse go baya tema ka Nagwanaatsele ngogola, mme le fa go ntse jalo dijalo dingwe tsa seka tsa itshetlela ka gone go le mogote.

Rre Lebang o supile gore diji le tsone di nnile le seabe mo go folodiseng maikaelelo a gagwe a go bona thobo e e nametsang.

Rre Lebang o supile gore o ne seka a ineela, ka jalo a lemolola dijalo tse di sheleng mme a jala sesha.

A re jaaka molemi wa komelelo o nna a lebile magodimo ka tshepo ya gore motlha mongwe Ramasedi o ka araba dithapelo tsa gagwe, mme a nesa pula go nosetsa dijalo.

Rre Lebang a re phetogo ya loapi e dirile gore dipaka tsa pula le tsone di fetoge, ka jalo pula e feletse e tshologa morago ga paka ya temo, ka jalo ya seka ya solegela balemi molemo.

A re pula e e neleng morago e gakaditse mhero le diji.

Rre Lebang a re le fa thobo e le kwa tlase, o kgonne go tswa ka sengwenyana mo temeng tsa magapu.

A re o solofetse go dika a kgonne go ora molelo wa mariga ka sheleng yo a mo dirang ka go rekisa magapu.

O supile gape gore balemi mo kgaolong ya gagwe ba ne ba tshwenngwa ke diphologolo tsa naga jaaka phiri le phokoje.

O gateletse gape gore mhero le one ke kgwetlho mo masimo.

Rre Lebang o supa gore monongwaga balemi ba masimo a Mmamodungwa ba ne ba tlhorontshiwa gape ke magotswana.

A re seemo sa monongwaga se dirile ditatlhegelo tse di kwa godimo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Moshe Galeragwe

Location : MAHALAPYE

Event : potsolotso

Date : 18 Apr 2018