Breaking News

Go rekisa ditlhare go a tshetsa

17 Apr 2018

Mme Patricia Mmatli yo o tumileng ka leina la ‘Mma Ditlhare’ wa kgotla ya Khurumela kwa Palapye, ke morekisi yo mogolo wa ditlhare, le morui wa dinotshe.

 Mo potsolosong le BOPA ka kgwebo ya gagwe ya Bodibeng Tree & Forestry Shop, e a e simolotseng ka 2015, o tlhalositse fa a lema ditlhare tsa mefuta e e farologanyeng jaaka tsa mekgabisa, maungo, meriti le tse dingwe.

‘Pele ga ke tsena mo kgwebong ya go rekisa ditlhare, ke ne ke bereka kwa madirelong a a dirang ka temo ya ditlhare, mme ka felela ke nna le lorato lwa ditlhare. 

Sengwe gape se se neng sa nthotloetsa ene e le go lemoga fa ba ba ratang ditlhare ba di reka ka bontsi.

O bolela fa ditlhare tsa gagwe a kgona go direla banyadi mekgabisa ka nako tsa manyalo le gone go dira tse gantsi go tweng fresh Flowers, tse gantsi di rekwang thata ka dinako tsa dintsho le mediro ya maemo a a kwa godimo.

Mme Mmatli o tsweletse ka go tlhalosa fa a ne a ya dithutong tsa thuo ya dinotshe, tlhokomelo le go ithuta ka mefuta ya tsone e e farologanyeng.

E rile a fetsa dithuto tseo, a inaakanya le thuo ya dinotshe go oketsa letseno la ditlhare ka go rekisa tsina ya tsone.

A re seo se ne sa mo tokafaletsa botshelo ka a kgonne go tshetsa ba lelapa la gagwe le go tsenya bana dikole.

O ne a bolela fa kgwebo e ntsha maduo a a nametsang, mme e batla motho yo o pelotelele, a ititeile sehuba e bile a na le tebelopele.

 A re le ntswa kgwebo e nametsa, o na le go kopana le dikgwetlho jaaka letlhoko la koloi go tsaya ditlhare go tswa kwa a nna teng go di atumetsa bareki.

A re go nela ruri ga pula go nnile le seabe monongwaga ka go mo kgoreleditse.

  A re mmu wa dijalo le one ke kgwetlho, ka ga o bonale motlhofo.

Mme Patricia o rotloetsa banana go dira mo ba ka go kgonang go itshetsa, le gone gore bagwebi ba ikopanye go godisa dikgwebo tsa bone. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kutlo Orman

Location : PALAPYE

Event : Potsolotso

Date : 17 Apr 2018