Kwadiso ya ditsha e botlhokwa
17 Apr 2018
Banni ba Mokatse mo Kgatleng ba rotloeditswe go kwadisa ditsha tsa bone gore di rurifadiwe gore ba kgone go bona ditlamelo tse ba di eletsang.
Se se builwe ke tona wa tsamaiso merero ya lefatshe, metsi le ditirelo tsa kgopho leswe e bile e le mopalamente wa Mmadinare, Rre Kefentse Mzwinila kgwedi eno le lesome le borataro fa a buisa banni ba motse oo.
O boletse fa molao-motheo o tlhalosa fa ditlhabololo di tshwanetse go isiwa kwa batho ba leng teng go lebilwe molao wa ditsha, bokete jwa batho le kwadiso ya ditsha.
Rre Mzwinila o tlhalositse gore e re le ntswa maduo a palo batho a a supang fa go sena batho mo motseng oo, palo ya ditsha yone e supa fa go na le batho, a gatelela gore se ga se a tshwanela go kganela go tla ga ditlhabololo.
O boletse fa bophara jwa ditsha e le jone bo supang gore go tlhokana le eng mo motseng ka e le tsone di supang fa motse o gola.
O tlhalosa fa go na le dipalo tse di supang fa motse oo o le teng mme a rotloetsa banni go kwadisa ditsha ka e le gone go ka tlhofofatsang tiro ya ba kabo ditsha gore ba tsee ditshwetso tse di maleba.
Rre Mzwinila o boletse fa puso e lemoga Mokatse ka o akareditswe mo lenaneo la ditlhabololo (NDP) go lebilwe palo le boleng jwa moalo wa ditsha mme e bile o tlaa tlhabololwa fela jaaka metse e mengwe.
O rotloeditse banni go ikopanya le ba lephata la kabo ditsha go rurifatsa ditsha tsa bone gore ba tle ba kgone go o godisa.
Rre Mzwinila o kopile banni go anywa lenaneo la LG1109 le le simolotsweng ngogola go tsisa ditlhabololo tsa mo gae ka go dirisa bontlha bongwe jwa madi a dikgaolo tsa botlhophi go simolola ditlhabololo.
Modulasetilo wa kabo ditsha ya Oodi, Rre Mothusi Molefi o tlhalositse fa ofisi ya bone e lebagane le ditiro tse dintsi ka le okametse metse e mentsi, mo go dirang gore ditiro tsa kabo ditsha di nne bonya.
O boletse fa ba itlamile gore ba tlaa simolola ka masimo mme morago ba goroge mo metseng go baakanya seemo seo le go neela batho ditlankana.
O boletse fa ditsha di santse di baakanngwa mme morago di tlaa ajwa le mororo tiro e se bofefo jaaka ba ne ba solofetse.
Rre Molefi oboletse fa ba kopile thuso mme ba tlaa boa ba oketsa dipalo ka tse di leng teng di sa kgone go fetsa tiro ka nako.
O boletse fa ba tlaa bo ba tsentse seemo leitlho mo bekeng e mme ba tlaa buisa dingongora tsotlhe kwa diofising tsa bone.
Moemedi wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Rre Olefile Koboyatshwene o tlhalositse fa go balelwa mo banning ba Modipane mme e le banni ba Mokatse go ba baya ka fa mosing ka ba tlolwa ke ditlhabololo.
O boletse fa go ya kokelong kwa Modipane e le kgwetlho mo banning ka ba tsamaya sekgele se seleele mme go ba koafaletsa pele.
O boletse fa sekole le sone se le kgakala le motse mme a kopa tona go ba kopela madi go aga matlo a borutelo a le mabedi gore bana ba ba ipaakanyetsang lokwalo lwa ntlha ba seka ba tsamaya sekgala.
Rre Koboyatshwene o boletse fa e le nako ya gore puso e lemoge Mokatse e le motse mme e tsise ditlhabololo jaaka sekole le kokelwana mo motseng wa bone gore ba thusege ka bonako ka kokelwana ya Modipane e sena koloi.
Monni wa motse, Rre Mothusi Tlhowe o kopile gore dipalo tsa batho ba Mokatse di tshwanetse go kgaoganngwa le tsa Modipane gore go bonwe gore ba ka thusiwa jang.
Rre Tlhowe o tlhalositse fa go bapa le toropo go tsisa batho ba bantsi mo kgaolong ya bone mme ba felela ba tlhaelelwa ke ditsha.
Mokhanselara wa kgaolo, Rre Obitseng Malesele o tlhalositse fa badirela puso ba tshwanetse go dira se ba itlamileng go se dira ka go bereka ka natla.
O ne a kopa Tona go bula madirelo a kgopho leswe mo Kgatleng ka e le kgolo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Miranda Mapotsane
Location : MOKATSE
Event : Phuthego ya Kgotla
Date : 17 Apr 2018






